Breaking News

Puso e tlhabolola maranyane - Makgato

03 Oct 2019

Tona wa dipalamo le ditlhaeletsanyo Mme Dorcas Makgato a re puso e tsweletse ka go tlhabolola maranyane go a dira a boleng jo bo kwa godimo mo Batswana ba ka a dirisang go itshetsa.

Mme Makgato o buile jalo kwa moletlong wa go kokoanyetsa kago ya ntlo ya motlobo wa dibuka le maranyane kwa Sekoleng se sebotlana sa Seleka kwa Tumasera mo kgaolong ya Legare bosheng.

A re puso e ikaelela go aga baithuti ba tlhwatlhwa go ya pele gore lefatshe leno le nne le le tsweletseng mo kgaisanyong ya mafatshefatshe.

O ne a leboga batsamaisi ba sekole go bo ba bone go tlhokafala gore ba nne le motlobo wa dibuka le maranyane, a bolela fa e le yone kgatelope e ntle e puso e e batlang.

A re ka maiteko a bone, o tlaa leka go ba ema nokeng go bona gore ba ka thusiwa jaang gore ba tle ba gatele pele.

Mme Makgato o lebogetse mafoko a ga Mme Kolobetso Molatlhegi yo e leng mogokgo wa sekole seo jaaka fa a ne a supa  bonatla jwa barutabana ba ba mo sekoleng sa gagwe.

O ne a kgothatsa baithuti go tlhoafalela tiro ya bone ya sekole gore le bone ba kgone go nna le bokamoso jo bo nametsang.

Mogokgo Molatlhegi o ne a leboga Tona Makgato ka kemo nokeng e a e efang sekole ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : moletlo wa go kokoanyetsa kago ya ntlo

Date : 03 Oct 2019