Breaking News

Monna o thusa mapodisi mabapi le polao

03 Oct 2019

Mapodisi a Mahalapye a tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro wa Mmutlane go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le leso la monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe wa kgotla ya Dilaene kwa Mahalapye.

Mookamela mapodisi a Mahalapye, Superintendent Omphile Malemenyane, o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore tiragalo e, e diragaletse kwa maitisong mo mosong Lwetse a le 29 kwa Mmutlane.

Supt Malemenyane a re le fa ba tsweletse ka ditlhotlhomiso, go lebega go ne ga nna le tlhoka kutlwisisano gareng ga bobedi joo.

A re go lebega moswi a ne a itewa ka setena mo tlhogong mme a isiwa kwa sepateleng sa Mahalapye, ba ba neng ba mo fetisetsa kwa go sa Marina kwa Gaborone, kwa a tlhokafaletseng teng.  

A re ba latoletswe rre yoo ka nako ya boraro mo tshokologong.

Supt Malemenyane a re mmelaelwa o itshupile ka Laboraro fa pele ga lekgotla la ditsheko la ga mmakaseterata kwa Mahalapye.

Mmelaelwa o tlaa itshupa gape fa pele ga lekgotla kgwedi eno e le lesome le borataro.

Mo dikgangnyeng tse dingwe Supt Malemenyane o ne a supa fa go ne go rena kagiso ka letsatsi la boipuso.

O supa gore mapodisi ba ne ba ipapanne sentle, ba phatlaletse le mekgwatha ya Mahalapye le metse e e mo tikologong go kgoreletsa ba ba neng ba na le maikaelelo a go dira ditiro tsa borukutlhi.

O supile gore ka malatsi a Boipuso ditiragalo tsa borukuthi di ne di wetse tlase fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o fetileng.

Rre Malemenyane a re melato e e nnileng teng e ne e le e mesesanyane ya mo ditseleng mme fela mapodisi a ne a le teng a beile leitlho.

A re go bulwa ga diofisi tsa bobedi mo Mahalapye go nnile le seabe mo go fokotseng ditiragalo tsa borukutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 03 Oct 2019