Breaking News

Thuto ya ngwana e simolola kwa lwapeng

03 Oct 2019

Mogolwane wa madirelo a dituelo tsa bagodi kwa Alexander Forbes Mme Poloko Masitara o kgothaditse batsadi go emela thuto ya bana ka dinao gonne seabe sa bone se le botlhokwa mo isagong ya bone.

O buile jalo fa a kgothatsa baithuti ba sekole se segolwane sa Mositari kwa Machaneng mo kgaolong ya Legare bosheng jaaka ba ne ba ipelela maduo a sekole.  

Sekole seo se tsere maduo a boraro mo dikoleng tsa kgaolo.

A re baithuti ba tshwanetse go rutwa go simologa kwa malwapeng go itse gore ba tshwanetse go ititaya sehuba go fitlhelela se ba batang go nna sone mo botshelong.

Mme Masitara o ne a kgothatsa batsadi a re ke konokono mo isagong ya gwana ka gore motsadi ke ene wa ntlha go ruta ngwana tonto tshipidi fa a sena go tsholwa pele a ya go tsena sekolo

A re ngwana yo o boitsholo jo bo makgwakgwa ga a ke a atlega mo thutong ka gore nako yotlhe o a bo a sena nako ya go ithuta a le mo go akanyeng tse di bosula a sa reetse le fa morutabana a ruta sa gagwe e le go mo tlhokela maitseo.

Moeng wa tlotla a re mme seo ke boikarabelo jwa batsadi go leka go busetsa ngwana yoo mo taolong, mme o tshwanetse a dira kwa lwapeng.

Mme Masitara o ne a leboga boeteledipele jwa sekole a re ba tshwere tiro ya bone ka botswapelo le ka manontlhotlho a ba kgothatsa go tswelela mo go direng jalo.

O ne a ba rotloetsa go lwela go ntsha maduo a a ka tsogang a isa lefatshe leno kwa godimo.

O tswelela a ba kgothatsa go dira tiro ya bone ba itshwaragantse le Modimo gore ba atlege, le gore maduo a sekole sa bone a tokafale.

O boleletse baithuti gore go botlhokwa gore ba nne ba bala dipampiri tsa dikgang gore ba nne le kitso ya gore go diragala eng kwa mafatsheng a sele, selo se se ka ba kgontshang mo dikgaisanyong tsa mafatshefatshe tse Lefatshe la rona le leng mo go tsone gompieno.

Mme Masitara o ne a kgothatsa ba ba fentseng dietsele gore ba seka ba iketla ba re ba fentse ka mosepele wa bone o santse o le moleele.

A re fa ba ka repisa ba ka nna ba iphitlhela ba wetse kwa tlase kwa ba neng ba sa go solofela.

A re go ithuta ke kgwetlho e e batlang moithuti a sa robale a tlhoafala.

A re moithuti o tshwanetse go nna a ikgakolola gore fa a tla sekoleng o tlela eng le gone moithuti o tshwanetse go nna le lefufa mo thutong a seka a dumela go gaisiwa.

A re go bala le go tlhaloganya go ka ba isa kwa botshelong jo bontle.

Mothusa mogokgo Rre Ezekiel Kgwadiene o ne a re go na le tlhaelo ya boroko jwa barutabana le ya diofisi.

O ne a ba a leboga batsadi go ema nokeng sekole sa bone.

O ne gape a tlhalosa gore maduo a sekole sa bone a sa le a tokafala ka 2016 ka maemo a boraro mme ba ntse ba gatetse pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : ipelelo maduo a sekole

Date : 03 Oct 2019