Breaking News

Baagi ba galalelediwa mowa wa boipelego

03 Oct 2019

Banni ba kgotla ya Goo-Kojwana kwa Shoshong ba galaleleditswe go tlotlomatsa mowa wa boipelego ka go itsenyetsa dipone tsa marang a letsatsi.

Fa a bua kwa pegong semmuso ya dipone tseo tse tlhano bosheng, motshwarelela tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le Ngwao, Rre Dikgang Makgalemele o ne a re go a itumedisa go bona morafe o ikemela ka dinao o sa bee fela mo pusong go ba tsisetsa ditlhabololo.

Rre Makgalemele a re go mo itumedisitse thata go bona batho ba ema ka dinao go netefatsa gore ba diragatsa megopolo e a tshelang a e abelana le bone mo diphuthegong tsa gagwe tsa kgotla.

“Go utlwisa botlhoko thata fa o le moeteledipele wa setshaba o nna o neela ba o ba eteletseng pele megopolo ya ditlhabololo mme ba sa e diragatse, bogolo jang mo gaeno mme e bo e re o rekisetsa batho megopolo e e tshwanang ntlheng e nngwe ya lefatshe ba bo ba e atla ba e diragatsa ka ponyo ya leitlho,” ga tlhalosa tona.

Le fa go ntse jalo, tona o ne a galaletsa banni ba kgotla eo a re mowa wa boipelego ke one o o dirileng setshaba sa Botswana se e leng sone.

O ne a tlhalosa fa mmadikole a agilwe ka mowa wa boipelego jaaka Motswana mongwe le mongwe a ne a tsentse letsogo ka moono wa motho le motho kgomo, ka jalo Batswana ba tshwanetse go tsweledisa mowa oo.

Rre Makgalemele a re e ne ya re fa e santse e le mopalamente a ntsha mogopolo kwa palamenteng wa gore serodumo sa dikgotla se tsholediwe mme palamente ya o atla.

Le fa gontse jalo, o kaile fa go itumedisa thata go bo baagi ba kgotla eo ba eteletse puso pele ka go tsholetsa serodumo sa kgotla ya bone.

E ne ya re mo tirong e tona a rolela kgosi mpho ya buka e moono wa yone e leng go ntsha ditogamaano tsa go diragatsa megopolo ya ditlhabololo a bo a ntsha thotloetso ya gore ba thuse puso go nyeletsa lehuma.

Rre Makgalemele o ne a solofetsa Kgosi fa a tlaa thusa go isa bangwe dithutong tsa maranyane a marang a letsatsi kwa India gore ba tle ba atolose tiriso ya motlakase wa marang a letsatsi mo kgotleng ya bone le mo Shoshong ka kakaretso.

Modulasetilo wa komiti e e neng e kokoanya madi a go tsenya dipone tseo, Rre Puni Sebinyana a re e ne ya re ka 2014, ba nna le phuthego ya kgotla ba tshwentswe ke borukutlhi jo bo neng bo golela pele mo kgotleng ya bone.

A re e ne ya re fa morafe o akantshanya wa dumalana ka bongwefela jwa pelo ka dipone tsa marang a letsatsi ka dikgakololo tsa ga tona le ba bogosi.

O tlhalositse fa ba ne ba tlhama komiti go etelela tiro eo pele mme ba simolola go kokoanya madi gore tiro e tle e atlege.

Rre Sebinyana a re morago ga go kokoanya madi ba bona nngwe kompone mme ba reka dipone di le tlhano ba di tsenya mo mebileng e e lefifi.

O ne a leboga morafe wa Motlhabana le bogosi jwa Kojwana gore ba bo ba ne ba ba ema nokeng mo tirong eo.

Kgosi Bonang Bonang o ne a leboga motshwarelela tona go bo a ne a bona sebaka sa go tla go tsaya karolo mo tirong ya tshimolodiso ya go dira ga dipone tseo.

A re thulaganyo e ke e e faphegileng ya go faposa morafe mo go beeng fela mo go direlweng ke puso mme ba ipelega. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MAHALAPYE

Event : pego semmuso ya dipone

Date : 03 Oct 2019