Breaking News

Go obamela ditaelo tsa bongaka go botlhokwa

03 Oct 2019

Ba booki mo kokelong ya Tsabong ba rotloeditse banni ba Kgalagadi Borwa ba ba tshelang ka mogare go obamela ditaelo tsa bongaka.

Mooki yo o okametse lekalana la diritibatsi kwa kokelong eo, Mme Boitumelo Monnahela, a re go sala ditaelo morago go thusa gore dipilisi tse di ritibatsang mogare di kgone go bereka.

Mme Monnahela o buile jaana kwa kgotleng kwa go neng go tshwerwe tiro ya go tswala semmuso kgwedi ya Lwetse e e seegetsweng fa thoko ke puso go nna ya thapelo kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS.

O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go tsaya dipilisi tsa ARV ka nako ka jaana kwa di fiwang teng go sa bulwe malatsi otlhe le gore mongwe le mongwe yo o tshelang ka mogare o beetswe letsatsi la gagwe go fokotsa mosuke.

A re gape balwetsi ba tshwanetse go ya kokelong ka fa ba laetsweng ka teng go tsaya madi, go tlhola selekanyo sa mogare mo mading le one masole a mmele le gore dipilisi di ba tsaya le go bereka sentle, a supa fa sebete le diphilo di ka amega mme madi e le one a ka supang.

O supile fa tsholofelo e le gore mogare o tshwanetse go ritibala mme le masole a mmele a ntsifale fa molwetse a sala ditaelo tsa bongaka morago

Mme Monnahela o ne a tlhalosa fa diritbatsi di sa fodise mme di kokobetsa mogare, ka jalo di sa tshwanela go tlodisiwa ka e le yone nako ya gore mogare o bone nako ya go iphetola o nna bodipa, mme seo se dire gore mogare o nne fela o le kwa godimo.

A re mogare o o bodipa o borai ka gore fa o fetela kwa go yo mongwe o tsena o ntse o le bodipa, a supa fa mmangwana a imile a na le mogare oo, o ka o fetisetsa kwa loseeng mme seo se dire gore bana ba tsholwe ba na le mogare.

O ne a ba gakolola gape go emisa gotlhelele go nwa bojwala fa ba tsaya diritibatsi ka seo se ka dira gore di seka tsa bereka sentle.

Molomaganya ditirelo tsa HIV/AIDS mo Kgalagadi Borwa, Mme Cathrine Molomo o ne a supa fa e rile go lemoga go simolola ga mogare mo Botswana, puso ya ema ka dinao go tswa ka ditsela tse di farologanyeng go o lwantsha le go akaretsa dikereke ka e le tsone di agang diphuthego go fetola boitsholo.

Mme Molomo o ne a tlhalosa fa lefatshe le le mo maemong a boraro mo mafatsheng a a mo Afrika a a amilweng ke mogare, bogolo jang mo go bomme le basetsanyana, mme gape go na le palo e e kwa tlase ya ba ba itlhatlhobelang mogare.

A re ditshekatsheko di supile fa batho ba le 370 000 ba tshela ka mogare wa HIV mo lefatsheng leno, fa mo Kgalagadi Borwa malwetse a tlhakanelo dikobo a le kwa godimo ka selekanyo sa 3.7 per cent fa batho ba ba itlhatlhobelang mogare ba le kwa tlase ka selekanyo sa 21 per cent.

O ne a tlhalosa fa basetsanyana ba dingwaga tse di lesome le boraro go fitlha kwa go ba ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe ba ima ka selekanyo sa 4.4 per cent, se se rayang gore bangwe ba ima ba le kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabongwe mme batsadi bangwe ba tsweletse ka go loba dikgang tseo ba seke ba ye  go ikuela kwa mapodising ka e le molato go tlhakanela dikobo le ngwana yo o dingwaga tse di kwa tlase.

E re ka jaana setlhogo sa letsatsi leo e ne e le; Fa re na le Modimo   HIV/AIDS e a Fela, o ne a kopa baruti go ema ka dinao go bua le diphuthego go fetola boitsholo le go ba rotloetsa go emisa go tlhakanela dikobo ntleng ga lenyalo.

O ne a rotloetsa banni gape go itebaganya le mokapelo a le mongwe mo go ba ba mo lenyalong, go fokotsa go iphetisa bojalwa, le gone go emisa go kgetholola ba ba tshelang ka mogare wa HIV.

O ne a tswelela ka go kopa gore baruti ba nne sekao mme ba emise go goga leina la baruti mo seretseng ka go dira ditiro tse di duleng mo tseleng.

Mme Molomo o boletse fa mo Kgalagadi Borwa ba kgonne  lenaneo la PMTCT, ka jaana mo nakong ya gompieno go sena masea a a tsholwang a na le mogare.

A re go sa ntse go tlhokafala thata gore baruti le diphuthego ba rapelele bolwetse joo ka pelo e le nngwe, a tlatsa ka go re Modimo ke makgonatsotlhe.

Baruti ka go farologana ba ne ba rapela kgatlhanong le matshwenyego otlhe a a apesitseng lefatshe leno a akaretsa megare e mesha e e tsenang, boipuso le kagiso, pula, dipolaano tsa baratani, dikotsi tsa tsela le ditagi, go tlhoka kutlo ga bana, kgokgontsho, ditlhopho tsa mono ngwaga le tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : phuthego ya kgotla

Date : 03 Oct 2019