UCCSA e lemoga seabe sa bagodi
02 Oct 2019
Kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) mo Maun e akgoletse bagodi seabe sa bone mo go direleng setshaba le Modimo.
Ka jalo kereke e ne ya rulaganya moletlo wa dijo tsa motshegare mme ba phutha bagodi ba kereke eo ba ba sa tlholeng ba kgona go ya kerekeng go tlhola le bone, go ba neela lorato le gone go lemoga seabe sa bone mo go goleng ga kereke.
Fa a bua kwa moletlong oo, mogolwane wa kereke, Rre Joseph Mosimanegape a re e re ka kgwedi ya Phalane e rogwa e le letsatsi la mafatshefatshe la bagodi, ba bonye go tshwanela gore ba neele bagodi tlotlo e e ba tshwanetseng ka jaana maoto a pala go ya kobamelong ka letsatsi la Tshipi ka ntlha ya botsogo jo bo sa iketlang.
O boletse fa go le gantsi ba ntse ba ba tlholela kwa malwapeng le go ba jesa selalelo, mme ba ne ba bona go tshwanela go ba phuthela kwa kerekeng go ya go ipela le bone.
Rre Mosimanegape a re moletlo oo, o ne wa neela maloko a mangwe a kereke sebaka sa go itse bagodi ba bone ka jaana go le gantsi ba ntse ba amogela melaetsa ka go tlhoka go tsoga ga bone mme ba sa ba itse.
A re ba dumela fa bokopano joo bo tlaa dira pharologanyo mo bagoding bao ka jaana ba tlaa sidilega mo moweng le mo mebeleng ka go amogela lefoko le le boitshepo.
Mooki wa pele, Mme Nketso Phoi o ne a gakolola bagodi ka botlhokwa jwa go tshela sentle le ntswa ba godile.
A re o tlhaloganya gore mo digwageng tse ba leng mo go tsone go na le ditiro dingwe tse ba sa di kgoneng le dijo dingwe tse ba sa di rateng.
O ba gakolotse gore ba tswelele ka go ja dijo tsa Setswana ka jaana di siametse botsogo jwa bone, le gone go itshidila mebele gore ba kgone go dira ditiro dingwe tse di seng bokete.
Mme Phoi a re ba seka ba itlhoboga mo botshelong ka jaana Modimo a sa ntse a ba file malatsi a botshelo.
Fa a ba neela selalelo, Moruti Monty Nthobatsang o ne a ba nosetsa ka ditemana di le mmalwa tse di buang ka malatsi a ba a filweng ke Modimo.
A re Baebele e e Boitshepo e tlhalosa fa ba filwe dingwaga di le masome a supa tsa botshelo mme fa ba di fetile ba itse fa e le kokeletso ya Mowa o o Boitshepo.
Moruti Nthobatsang a re ba bangwe ba tshwanetse go leboga Modimo ka jaana e se botlhe ba ba gorogang mo dingwang tse di beilweng.
A re ka nako ya a ba etela kwa malwapeng go ba jesa selalelo le go ba rapelela, bontsi bo ne bo supa boitumelo ba lemoga fa phuthego e kgathala ka bone.
Mongwe wa bagodi, Mme Oneile Tsheko o ne a lebogela se kereke e se ba di retseng. A re go molemo jang bana ba motho ba kopane ka mowa o le mongwe.
O rotloeditse kereke go tswelela ka tiro e ntle eo, a re ba tia moko go bona ba kopana le ditsala tsa bone tsa maloba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : moletlo wa kereke
Date : 02 Oct 2019