Breaking News

Ba ga Mafhikana ba akgolwa mowa wa boipelego

02 Oct 2019

Banni ba kgotla ya ga Mafhikana kwa Kanye ba akgoletswe mowa o montle wa boipelogo.

Seno se builwe ke modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Alec Seametso mo phuthegong bosheng fa a ne a ile go ba lebogela go bo ba mo file mokhanselara wa bone, Rre Thamiso Chabalala.

Rre Seametso o tlhalositse fa banni bao ba itiretse ditlhabololo tse dintsi mo kgaolong ya bone ka mowa wa boipelego.

Rre Seametso a re banni ba ba Mafhikana ba ne ba isa Rre Chabalala kwa khanseleng ka ditlhopho tsa 2014, kwa a fetileng a tsaya maemo a mothusa modulasetilo.

A re mme ga ba ise ba ke ba ngongoregele gore boikarabelo jwa gagwe jaanong e tlaa bo e le  kgaolo ya Borwa ka bophara e seng kgotla ya ga Mafhikana fela.

A re go le gantsi fa motho e le moemedi wa batho a ba a feta a neelwa boikarabelo jo bongwe banni ba kgaolo ya gagwe ba a tle ba ngongorege mme ba ga Mafhikana bone ga ba ise ba supe fa  ba na le bothata.

Rre Seametso a re ka jalo Rre Chabalala o ne a sa emela banni ba Mafhikana fela.

A re o fetile a tsena mo dikomiting tse dintsi jaaka lekgotla la dikhansele ya BALA e a neng a dira mo go yone ka natla.

A re Rre Chabalala o ne a sa dire mo lefatshing leno fela.

O ne a kgona go ya go emela lefatshe leno mo Afrika le kwa mafatshing a mangwe kwa ntle ga Afrika.

A re o kile a ya go fetsa dibeke tse tharo kwa ntle ga Afrika.

O bile a re mo mesepeleng e yotlhe banni ba ga Mafhikana ba ne ba sena letsapa le ba fisang pelo ka ba ne ba itse fa e se moemedi wa bone ba le bosi mme e le wa setshaba ka kakaretso.

Rre Seametso a re fa ba tsena mo maemong a bodulasetilo ene le Ree Chabalala bangwe ba ne ba nyatsa ba ipotsa gore a mme ba tlaa kgona ka e le batho ba babotlana.

A re mme ba kgonne e bile ba dirile tse dikgolo.

A re nngwe ya tse ba di kgonneng ke go tsenya dipone mo ditseleng tse ditona tsa motse wa Kanye, a tlhalosa fa go tswa kgakala go lelwa ka lefifi mo motseng oo.

O boletse fa Rre Chabalala a ntse a tlhokometse dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo.

A re mme o dirile bojotlhe mo e bileng dingwe tsa tsone di le mo seemong sa mengwe metse e megolwane.

Rre Seametso a re Rre Chabalala o tlhabolotse  dikgaolo tseo ka mananeo a puso a tshwana le go abela batlhoki dipodi, e le nngwe tsela ya go ba ntsha mo lehumeng  le go isa bana ba bone kwa dikoleng.

A re bana ba dikgaolo tseo ga go motlhofo gore ba ka tsena sekole ba bo ba wetsa dithuto tsa bone mme Rre Chabalala o ne a ba leka, a tlatsa ka go re Rre Chabalala o ne a setse a fetogile motsadi wa bana bao ka jaana e ne e a re ba sa ya sekoleng a bo a bidiwa.

Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba ne ba leboga mme ba supa fa tsela e e dirilweng ka ditena e e mo kgaolong ya bone e sa wela sentle ba belaela fa e sa tshelwa motlhaba.

Ba re mathata a mangwe a bone ke letlhoko la metsi.

Gape ba supa fa dipone di sa bereke sentle mo kgaolong ya bone.

Gape ba ntshitse matshwenyego a gore konteraka nngwe e e direlang mo motseng wa Kanye e epa mmu gaufi le letamo la Mmakgodumo mme ba ntsha poifo ya gore e ka felela e tlogela mmu o o ka tlogang wa katela letamo leo.

Rre Chabalala o ne a netefatsa fa ba dirile ka natla mo dingwageng tse tharo tse ba neng ba goga khansele mo go tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : phuthego

Date : 02 Oct 2019