Breaking News

Kgosi o gwetlha morafe go ipela

02 Oct 2019

Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Mme Kealetile Moremi o gwetlhile Batswana go tsaya letstasi la boipuso ka tlhoafalo ka jaana e le nako ya go ipelela mpho e ba e filweng ke Modimo.

A re ba tshwanetse ba itlotlomatsa ka letsatsi leo, ka jaana go ne go se motlhofo gore ba bone boipuso fa e ne e se ka dikgosi tsa bone tsa pele.

A re ke ka moo ba tshwanetseng go ipela ka jaana ba tlogeletswe boswa.

Kgosi Moremi o buile jalo jaaka Batawana ba ne ba phuthaganetse kwa kgotlengkgolo go keteka boipuso, a supa fa le yone pina ya setshaba e na le molaetsa wa motia o o tshwanetseng go tsewa tsia.

A re go botlhokwa gore batho ba tlotle pina ya setshaba ba bo ba tshele mafoko a yone.

A re ka nako ya boipuso, botlhe ba tshwanetse go leboga Modimo ka jaana lefatshe leno le tsweletse ka go tshegetsa matshego a puso ya batho ka batho, ditlhabololo, boipelego, popagano ya setshaba le botho.

A re fela jaaka mafatshe a mangwe, lefatshe la Botswana le na le tse le di kgonneng, bogolo jang mo ditlhabololong.

Kgosi Moremi a re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya gore puso ga e kake ya kgona dilo tsotlhe ka nako e le nngwe, ke ka moo e dirang ka go kgaoganya.

A re dikgaolo dingwe jaaka ya Ngamiland di sa ntse di aperwe ke dikgwetlho, mme a supa fa go sa ntse go le gontsi mo go ka dirwang go di rarabolola.

Morafe o ne a wa nna le sebaka sa go baya dithunya kwa mabitleng a mabutswapele a a diretseng lefatshe leno, e le sesupo sa go ba gopola le go lemoga tiro e ntle e ba e diretseng lefatshe leno.

Mo boemong jwa lelwapa la bogosi, Kgosi Moremi o ne a akgola morafe go bo o bone go tshwanela go gopola le go leboga bagaka ba maloba.

Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa a sa itumedisiwe ke go goga dinao ga morafe go tla mo ditirong tse di botlhokwa jaaka moletlo wa boipuso.

A re dipalo ga di nametse, mme a ikuela mo morafeng go emisa mokgwa oo.

Mopalamente wa pele wa Maun botlhaba, Rre Frank Ramsdern le ene o ne a supa fa a sa itumeletse karolo ya Batswana mo go ipelelelng boipuso.

A re letsatsi la boipuso le ba neela sebaka sa go ithuta ka ditso tsa bone, a bolela fa Botswana a tseetse boipuso mo legoeleleng ka jaana ka ngwaga wa 1966, e ne e le sekaka, mme gompieno e le mantlentle fela.

Rre Ramsden a re pele lefatshe leno le ne le opela pina ya Setshaba ya Afrika Borswa mme morago ga go kopa boipuso ba itlhamela ya bone e gompieno ba ikgantshang ka yone.

Moruti Terrence Sechele o ne a segofatsa letsatsi leo ka go bala mo lekwalong la ga Isaiah 32:16-20.

A re le rotloetsa kagiso le ledula mo setshabeng.

A re lekwalo leo le kgatlhonong le tshenyetso setshaba, ka jaana le supa fa ope yo o senyetsang puso le ene a itshenyetsa, a tlatsa ka go re sepe se se dirwang sa tshenyo se tlaa dira gore kamoso go nne le tlhaelo.

Molaeetsa wa letsatsi wa ga Tautona o ne wa balwa ke molaodi wa kgaolo, Rre Keolopile Leepego. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Phuthego ko kgotleng

Date : 02 Oct 2019