Malapa ga se marekisetso a bojalwa
01 Oct 2019
Mogolwane wa mapodisi a Woodhall kwa Lobatse, Superintendent Elias Magosi o kopile banni ba Woodhall go emisa go dira malwapa a bone marekisetso a bojalwa, ka seo se oka magodu.
Superintendent Magosi o buile jaana bosheng kwa phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba lekgotla la twantsho borukutlhi la A Re Chencheng kwa Lobatse.
O ne a bolela gore batho ba ba nwang majalwa a a rekisiwang mo malwapeng, gantsi ba felela ba tlhoka kutlwisisanyo babo ba lwa le go golafatsana.
Mogolwane wa mapodisi o ne a bolela fa bojalwa bo senyetsa bana bokamoso.
Mo go tse dingwe Superintendent Magosi o boletse fa sepodisi se tshwenngwa thata ke tiriso ya motokwane o a boletseng fa o rekisiwa ke batho mo kgaolwaneng eo ya Woodhall.
A re go goga motokwane go tsenya bokoa mo mmeleng, gape go kgona go senya le yone tlhaloganyo ya motho tota.
Modulasetilo wa lekgotla la A Re Chencheng Rre Gobusakgabo Baabina o ne a akgolela ba sepodisi go bo ba eme ka dinao bosigo le motshegare go lwantsha borukutlhi mo kgaolwaneng ya Woodhall.
Rre Baabina o boletse fa go nnile le ditiragalo tse batho ba neng ba iteelwa mo malwapeng a go rekisiwang majalwa mo go one.
A re bangwe ba banni ba Woodhall ga ba reetse fa ba gakololwa gore go rekisa bojalwa mo malwapeng o sena teseletso kee molato.
Monni wa Woodhall, mme Seasebeng Koshi o ne a supa matshwenyego a gore toropo ya Lobatse e tlhakatlhakantswe ke borukutlhi le botlhoka tsebe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya twantsho borukutlhi
Date : 01 Oct 2019