Breaking News

Tsanekona o tlaa epelwa sediba

01 Oct 2019

Mothusa tona wa Tlhabololo Temo Thuo le Dijo a re motsana wa Tsanekona o tlaa epelwa sediba madi a dikgaolo tsa botlhophi a P10 million.

Rre Konstantinos Markus o buile jaana kwa motsaneng oo bosheng fa a amogela kokelwana go tswa kwa komponeng ya bojanala ya Bush Ways Botswana bosheng.

Rre Markus o supile fa baitseanape ba setse ba feditse diteko tsa bone tsa go dupa metsi mo motsaneng oo wa Tsanekona.

Ka jalo, o ne a tlhalosa fa seo se raya gore sediba se tlaa epiwa pele ga ngwaga ono o fela mme seo se tlaa fetsa letlhoko la bone la metsi.

Rre Markus o ne gape a itsese banni ba motsana oo fa tsela e e tshwaraganyang motsana wa bone le kgotla ya Boseja-Kubung mo Maun e le mo lenaneong la go baakanngwa.

O ne a supa fa madi a setse a seegetswe fa thoko go baakanya tsela eo gore e tsene mo seemong se se tshwanetseng.

Morago ga moo, Rre Markus o ne a gakolola banni ba Tsanekona go dirisa tshwanelo ya bone sentle ya go tlhopha ka letsatsi le le beilweng la Phalane a le masome mabedi le boraro.

A re ba seka ba tsiediwa ke ope ka tlhopho ya bone mme ba tlhophe baemedi ba ba ba batlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Kamogela ya kokelwana

Date : 01 Oct 2019