Breaking News

AFM ya Thamaga e pelonomi - Mabeo

01 Oct 2019

Tona wa lephata la phiro le tokafatso dikitso, Rre Tshenolo Mabeo o akgoletse kereke ya Apostolic Faith Mission (AFM) kwa Thamaga mowa wa bopelonomi jaaka ba ne ba abela Mme Keneilwe Pule ntlo e e lopileng P140 000.

E rile a bula ntlo eo e e dikamore tse pedi le sephato, a re lerato le le kalo le le supilweng ke phuthego le rurifatsa lerato la Modimo.  

Tona Mabeo o ne a tlhalosa fa kereke e le motheo wa dilo tse di ntsi, a afa sekai sa gore fela jaaka lefatshe leno le tlhaetswe mo molaong wa Modimo, kereke ke motheo wa lelwapa.

A re fa tsotlhe tse dintle di simolola kwa malwapeng, tiro ya kereke e nna motlhofo.

Rre Mabeo o gateletse ntlha e ka go re lerato le kagiso di tshwanetse tsa nna teng mo malapeng ka gore fa di seyo mo baphutheging ba kereke tiro ya kereke e nna thata, mme fa di le teng mo kerekeng go motlhofo gore di anamele kwa setshabeng.

Le fa go ntse jalo, tona o gwetlhile ba ba abetsweng go tlhokomela ntlo eo ka boammaaruri ka e le selwana, e bile kago e dirwa ka dithata ka go se motlhofo go dira tiro e e kalo.  

Ka jalo o galaleditse ba-na-le seabe botlhe ba ba tsereng karolo a ba eleletsa katlego mo go tsotlhe tse ba di dirang.

Fa a afa tekodiso ya kago, Moruti Jobe Koosimile o ne a re ntlo eo e na le sebaka sa dingwaga tse tharo e ntse e agwa.

O boletse gore kago e e simolodisitswe ke banana ba kereke morago ga gore mongwe wa bone a lemoge botlhoki kwa lapeng la ga Mme Pule mme a bona go tlhokafala gore letlhoko leo le potlakelwe.

Rre Koosimile a re monana yoo o ne a gorosa molaetsa kwa phuthegong e e neng ya bona go tshwanela go itsolopanya go bona gore ba tsenya letsogo jang.  

A re phuthego e ne e kgothadiwa segolo bogolo ke gore kereke e rera mafoko a a molemo e bile mafoko a, a kgona go fetola pelo le botshelo jwa motho tota.

O tlhalositse gape gore ga se kereke fela e e neng ya aga bonno jo e le nosi.

O tlhalosa fa bangwe ka bongwe jwa bone, le dikompone tse di farologaneng di tshwana Car World, Jamal Trading, Hyper Home le Foamex Botswana mo go tse dingwe di tsentse letsogo ka go thusa ka didirisiwa gore kago e felele.

Ntlo eo, e tsentswe dilwana tsa ntlo, matlhapelo a a feletseng le motlakase.  

Baithaopi bangwe ba solofeditse go rekela Mme Pule dijo kgwedi le kgwedi fa lephata la nyeletso lehuma le mo abetse tante e bananyana ba itlosang boduto mo go yone gore a obe letsogo ka yone.

Mme Pule o lebogile kereke le botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo e.

A re mpho e e kalokalo e mo leretse boitumelo jo bo seng kana ka sepe mme tseo tsotlhe di supa fa e le ditiro tsa Modimo yo o tletseng lerato le mautlwelobotlhoko.

Kereke e bile gape ya abela bana ba sekole ba le lesome digalase tse di balang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : THAMAGA

Event : Kabo ya ntlo

Date : 01 Oct 2019