Banni ba Ghanzi ba keteka boipuso ka mashetla
01 Oct 2019
Jaaka Batswana go ralala lefatshe leno ba ne ba ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le metso e meraro ka Mosupologo, banni ba Ghanzi le bone ba ne ba phuthaganetse kwa kgotleng e tona go ipelela letsatsi le ntswa dipalo tsa bone di ne di se kalo.
Melaetsa ya letsatsi e ne e remeletse thata mo kagisong le thokgamo tse di renang mo lefatsheng leno le kgatelopele ya matshelo a Batswana.
Go ya ka moruti, Rre Rethabile Sibeko wa Reformed church, tse ga di a kgonagala ka botlhale jwa ga ope, fa e se fela ka tlhotlheletso ya mowa o o boitshepho.
Moruti Sibeko a re Botswana o se a leng sone ka mautlwelobotlhoko a Modimo, e bile o ipelela dingwaga tse di masome matlhano le boraro go ise go nne le kubetsano epe, le fa e le semorafe ka ntata ya Modimo.
Ka jalo, a re Motswana ka bongwe le bongwe o tshwanetse go leboga modimo, a tlatsa ka go re a diphetogo le puso ya batho ka batho di seka tsa lebatsa botlhe Modimo ka ke ene a dibetseng kagiso le thokgamo ya lefatshe leno.
Molaetsa wa ga Tautona o ne wa balwa ke molaodi wa Ghanzi, Rre Patrick Tlotleng, mme le one o ne o gatelela gore go botlhokwa go ipelela kgatelopele kgotsa katlego ya tshaba ya Botswana.
O ne o rotloetsa Batswana go dira ka natla go tsweledisa kgatelepele eno le go hema tse di akaretsang letlhoko la ditiro mo bananeng, lehuma, malwetse le go fetoga ga seemo sa loapi.
Mo godimo ga moo, molaetsa o, o ne wa gwetlha botlhe go tiisa maiteko a go tswakanya le go fetola itsholelo gore e nne e e ikaegileng ka dikitso mme Batswana botlhe ba tsenye letshogo.
Ka boipuso jwa ngwaga ono bo tla dibeke di sekae fela pele ga ditlhopho tsa setshaba, Tautona o ne a rotloetsa Batswana ba ba ikwadiseditseng go tlhopha, go ya go diragatsa tshwanelo ya bone ya go itlhophela boemedi jwa sepolotiki a bo a ba rotloetsa go tlhopha ka kagiso jaaka gale.
O supile fa tsamaiso ya batho ka batho e ikaegile ka molao- motheo wa lefatshe, o e leng one o tlhomamisang gore Batswana ba tshela ka tshosologo.
E ne e rile go le pele, Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi a supa matshwenyego ka dipalo tse di wetseng tlase tsa banni ba ba tlang go ipelela boipuso kwa kgotleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : ipelela letsatsi la boipuso
Date : 01 Oct 2019