Breaking News

Mothusa Tautona o gakolola banni go ka tsholofelo

01 Oct 2019

Banni ba Rakops kwa Boteti ba gakolotswe go nna ka tsholofelo ya gore leuba le le apereng lefatshe leno le tlaa fokotsega.

Mafoko a, a builwe ke Mothusa Tautona Rre Slumber Tsogwane kwa moletlong wa go ipela letsatsi la boipuso kwa motseng oo.

Rre Tsogwane o tlhalositse fa ba tepo loapi ba tlhalositse fa dipula tsa ngwaga ono e tlaa nna tse di nametsang go feta tsa ngwaga o o fetileng, ka jalo a ba kopa go nna le tsholofelo ya gore dipula tseo di tlaa fokotsa leuba.

E rile a amogela banni, kgosi wa Rakops Kgosi Diane Jacob a kaya fa letsatsi la boipuso e le letsatsi le le kgethegileng mme le tshwanelwa ke go tlotlwa.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Jacob o ne a supa fa motse wa Rakops e le mongwe wa metse e metona mo kgaolong ya Boteti e e nang le batho ba ba ka tshwarang dikete tse di ferang bobedi, ka jalo a re go maswabi go bo thologelo ya batho e le kwa tlase mo moletlong oo.

Mongwe wa bagolo ba motse, Rre Katjapu Theophelus o ne a supa fa motse wa Rakops o simologile o kgaogane ka dithota go ya ka merafe e e fitlhelwang mo go one jaaka Baherero, Bateti le ba Rakopo.

Rre Theophelus o ne a tlhalosa fa Kgosi Pusoeng Serogola e nnile ene Kgosi wa ntlha wa merafe yotlhe ya Rakops gore merafe eo e kopane, mme a tlhalosa fa seo e ne e le ka thotloetso ya ba bogosi jwa ga Mmangwato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : RAKOPS

Event : moletlong wa go ipela letsatsi la boipuso

Date : 01 Oct 2019