Go ipelela boipuso go botlhokwa - mogolwane
01 Oct 2019
Mogolwane wa tsa moepo wa Orapa, Letlhakane and Damtsha Mines Rre Thuso Mogotsi o kopile banni ba Orapa go tsaya letsatsi la boipuso ka tlhoafalo.
Rre Mogotsi o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano le boraro kwa Orapa ka Mosupololgo.
O ne a tlhagisa banni ba toropo eo a re ga ba a tshwanela go tseela moletlo o wa go ipelela boipuso kwa tlase, a re ba tshwanetse go supa boitumelo le lorato ka jaana mo dingwageng tse di masome a matlhano le boraro ba ntse ba tshelela mo kagisong.
Rre Mogotsi a re Batswana ba tshwanetse go nna motlotlo ka ba sa kgorelediwe ke sepe mme mafatshe a mangwe a sena le fa e le kagiso ba tshelela fela mo dintweng.
O tlhalositse fa Batswana e le tshaba e e lorato, ke sone se lefatshe la bone le melediwang mathe ke mafatshe a mangwe.
Rre Mogotsi o ne gape a balela batsena moletlo oo, molaetsa wa ga Tautona wa boipuso.
E rile a amogela batsena moletlo o, Kgosi Gowennemang Matlhare wa Mopipi a kgothatsa banni ba Orapa go tsaya letsatsi la boipuso ka tlhoaafalo mme ba le keteke go supa fa tota ba ipuisa, e bile ba lebogela tshotlhe dintle tse di diragetseng fa lefatshe leno le tsaya boipuso.
Kgosi Matlhare o ne a kopa batsadi go ruta bana mosola wa go ipelela boipuso le gore tota go raya eng mo Batswaneng.
O ne a ba kopa gore ba bopagane gore ba tlhabolole selebego sa boipuso jwa bone gore batho ba tle kabontsi.
Modulasetilo wa komiti ya boipuso wa Orapa, Rre Isaiah Ditiso o ne a supa banni ba Orapa ka monwana a re ga ba tle diphuthegong tsa go rulaganyetsa moletlo wa boipuso, a tlatsa ga go re ba ntse ba tshwara diphuthego maitsebowa batho ba buile kwa ditirong mme maiteko a bone a itaya se fololetse.
E rile a afa lefoko la kgothatso moruti wa kereke ya Bible Life Rre Kealeboga Rasekoko a re lefatshe leno ga le a ema golo go le gongwe.
A re fa le tsamayang teng gompieno ga go tshwane le maloba.
Mokhanselara wa pele wa Orapa Rre Keletso Seloi o ne a leboga komiti ya boipuso gore le fa ba ne ba lebanwe ke dikgwetlho, ba kgonne go dira tiro ka botswa pelo.
Rre Seloi o ne a kopa banni ba Orapa go tshwaragana le komiti e e bakanyetsang moletlo wa boipuso gore o atlege. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : ORAPA
Event : Moletlo wa go ipelela boipuso
Date : 01 Oct 2019