Breaking News

Ranko o tshela ka diatla tsa gagwe

26 Sep 2019

Monana wa kwa Mabesekwa, Mme Malebogo Ranko, a re o inaakantse le tsa temo-thuo go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.

Ka ngwaga wa 2015, Mme Ranko o ne a rotloediwa ke lephata la temo-thuo ka go mo tlhomela letlowa, pompo ya metsi le tanka ya jojo go ka simolola kgwebo ya tshingwana ya merogo mo lwapeng.

A re o simolotse kgwebo ka go lema merogo, ditamati le pherehere e tala.

“Kgwebo yame e tsamaya sentle, ga go na mathata ka gore ka letsatsi ke kgona go rekisa tse ke di lemileng, mme ke gatise madi a a ka tshwarang P65,” a tlhalosa jalo.

Mme Ranko a re o rotloediwa ke sekolo se se botlana sa Mabesekwa le batho mo motseng.

E re ka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone, Mme Ranko o tlhalositse fa dikgwetlho mo kgwebong ya gagwe di se dintsi thata.

A re matshwenyego a a nang le one fela ke a diji segolo jang ka paka ya selemo.

O tlhalositse gape fa a itshetsa ka go rekisa mo semausung, e bile gape a belega le bana bangwe mo motseng wa Mabesekwa.

O ne a kgothatsa banana ka ene gore ba itshetse ka diatla tsa bone, e bile ba seka ba tlhabiwa ke ditlhong.

Mme Ranko o rotloeditse banana go lema merogo mo malwapeng a bone le gone go ipulela dimausu gore ba kgone go jesa ba malwapa a bone.

“Nna ga ke a rutwa go lema, mme ka tlhaloganyo yame le diatla tsame, ke fa ke a kgona e bile ga ke bolawe ke tlala jaaka o mpona,” a tlhalosa.

A re banana ba seka ba emela go direlwa sengwe le sengwe ke puso, mme ba dire mmogo le puso go lwantsha letlhoko la ditiro.

 

Mme Ranko a re maikaelelo a gagwe ke go atolosa kgwebo ka go oketsa letlowa la gagwe gore a kgone go lema dijwalo tse dintsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keneilwe Ramphotho

Location : Mabesekwa

Event : Potsolotso

Date : 26 Sep 2019