Mpetsane o lebogela tirisano mmogo ya bodiredi
26 Sep 2019
Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane, a re o itumeletse gore makhanselara a ntse a bereka e le setlhopha go tlhabolola kgaolo.
Fa a bua mo phuthegong ya bofelo ya khansele eo bosheng, Mme Mpetsane o ne a lebogela makhanselara le bodiredi go dira tiro ya bone ka tshwaragano le boineelo.
Mme Mpetsane a re mo pakeng ya gagwe e le modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, o ne a ipha nako go dikologa le metse yotlhe ya kgaolo eo, a buisa diphuthego tsa kgotla go utlwa matshwenyego a banni.
A re banni ba ne ba supa fa go na le dingwe tse ba sa di itumeleleng, mme maphata a a maleba a ne a tsiboga fa go kgonegang teng.
Modulasetilo a re le ntswa go santse go na le letlhoko la ditlhabololo le ditlamelo dingwe fale le fale, o itumedisiwa ke gore ditiro ka bontsi di diragaditswe, a bolela fa dingwe tse di tshwanang le tlhaelo ya metsi, e le tse go tlaa itebagangwang le tsone go leka go tokafatsa seemo.
Mokhanselara Mpetsane o tsweletse a supa fa go le botlhokwa gore maphata a a lebaneng a itebaganye le seemo sa ditsela dingwe tsa kgaolo, tse a boletseng di le mo seemong se se sa itumediseng.
A re le fa go ntse jalo, o lebogela go bo go remilwe ditlhare tse di neng di dikaganyeditse bontsi jwa ditsela tse di lomaganyang metse ya kgaolo, a bolela fa seo e le maiteko a a tshwanelwang ke go lebogwa.
Gontse go le foo, Mme Mpetsane o ne a kopa makhanselara go ipelela meletlo ya boipuso ka kagiso le boitumelo, le go ipaakanyetsa ditlhopho tsa setshaba, tse di tla tshwarwang kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le boraro.
O ne a bo a gakolola bakaulengwe ba gagwe, bogolo jang ba ba tlaabong ba emetse ditlhopho, go seke ba itebaganya le ditlhopho fela ba ikgatholosa botsogo jwa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya khansele
Date : 26 Sep 2019