Breaking News

Mokhanselara wa pele wa Lotlhakane o fitlhwa ka Matlhatso

26 Sep 2019

Mokhanselara wa pele wa phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC), wa kgaolwana ya Lotlhakane East  Rre Donald Habana o tlaa bolokwa kwa Lotlhakane East ka moso.

Rre Habana o tlhokafetse kgwedi eno ele lesome le bofera bongwe a sena go lwala ka bokhutshwane, mme o tlhokafala a le dingwaga di le masome a supa le motso. 

Se se rurifaditswe ke morwawe Rre Onalenna Habana mo potsolostsong.

A re rraagwe o tsene mo sepolotiking ka ngwaga wa 2004, mme a emela ditlhopho tsa setshaba tsa bokhanselara mo kgaolwaneng ya Lotlhakane East ka boloko jwa phathi ya Botswana National Front, mme a di fenya. 

O ne a emela ditlhopho tsa setshaba gape ka ngwaga 2009, mme a tswelela a fenya, go fitlha a latlhegelwa mo ditlhophong  tsa 2014.

Onalenna a re Rre Habana o ne gape a bula kgwebo ya Opimax First Aid training, a rutuntsha batho ka tsa thuso ya potlako.

A re o ne a dira tiro eo botswerere ka jaana e ne e re le fa  a sa tsoga sentle a tswelele fela ka go dira tiro.

A re pele ga Rre Habana a inaakanya le tsa sepolotiki, o berekile kwa lephateng la ga molaodi e le moranodi, a berekela kwa sekoleng se segolwane sa Itireleng kwa Lobatse ele morutabana, le kwa go se segolwane sa Setlalekgosi kwa Francistown e ntse ele morutabana. 

Rre Habana o dirile dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa sekoleng sa Tonota, a tsweledisa tse dikgolwane kwa sekoleng sa Mater Spei, mme a tsweledisa tse dikgolwane tsa Form five ka go itsenya sekole sa di tlhaeletsanyo.

Moswi o tlogela mosadi le bana ba le bane, borre ba babedi le bomme ba babedi le batsalwa nae ba le bane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 26 Sep 2019