Puso e neela Barolong tshimo
26 Sep 2019
Puso e tsere tshwetso ya go neela Barolong tshimo ya Morule e e kwa Ramatlabama.
Rre Galeitsiwe Ramokapane, yo e leng mogolwane wa dijwalo kwa lephateng la temo-thuo, o buile se fa a ne a rolela morafe mafoko a mo phuthegong ya kgotla kwa Good Hope bosheng.
Rre Ramokapane o kaile fa puso e na le dingwaga e ntse e dirisa tshimo eo.
A re e ntse e dirisediwa tsa temo, ka jalo e tlaa bo e le selo se sentle go tsweledisa fa ba simolotseng teng.
O gakolotse fa go le botlhokwa gore tshimo eo e dirisiwe go godisa itsholelo ya Borolong, ka jalo a ba kopa gore ba e dirise mo go tsa temo-thuo gore ba kgone le gone go thusa puso go jesa Batswana.
Rre Ramokapane o gakolotse gape gore banni ba ka batla bagwebi ba ba ka nnang le keletso ya go e dirisa mme ba kgone le gone go dira ditiro.
A re puso e eletsa go bona kgaolo e e tumile ka serodumo sa temo jaaka e ne e itsege bogologolo.
Motshwarelela kgosi ya Barolong, Kgosi Botiki Motshegare, o ne a lebogela puso go bo e bone go tshwanela gore e ba busetse tshimo eo.
O ne a supa fa ba setse ba na le dikakanyo tsa go bona gore tshimo eo e ka thusa Barolong jang.
O kaile fa le ene a eletsa fa bagwebi ba ka tla go thusa go dirisa tshimo eo.
Ka jalo o ne a tshepisa puso fa ba tlaa dirisa tshimo eo, le go dira ka bojotlhe gore e tsise ditlhabololo le go tlhama mebereko mo motseng.
Kgosi Motshegare o ne a solofeditsa puso gape gore ba tlaa tswelela ba dirisanya le bodiredi jwa puso gore le bone ba ba thuse ka megoplo go bona gore tshimo eo e tswelela e nna mo tirisong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOOD HOPE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Sep 2019