Bagodi kwa Maun ba tlaa nna le lefelo la itluso bodutu
25 Sep 2019
Go tlaa simolodisiwa lefelo la itloso bodutu la bagodi kwa Maun mo bogaufing,.
Mongwe wa basimolodi ba lefelo leo la Polokong, Mme Beauty Bagwasi, a re o itumelela go bo a fitlheletse toro ya gagwe ya go direla bagodi lefelo la mofuta o.
A re kago ya lefelo leo, le le kwa kgotleng ya Matlapana, e simologile ka 2016 go le thata, mo a kileng a akanya go fetola mogopolo, mme ka thata ya Modimo, a tsweledisa tiro eo, ka jaana a ne a batla go dira pharologanyo mo matshelong a bagodi.
Mme Bagwasi a re o ne a tswelela ka go apeela bagodi le go etela ba ba sa kgoneng kwa malwapeng, mme bangwe a ba phephafaletsa bonno.
A re bagodi ke batho ba ba botlhokwa mo setshabeng, ka jalo, ba tlhoka go tlamelwa le go fiwa lerato.
A re go bo lefatshe leno le rena ka kagiso le thitibalo, ke ka ntlha ya bagodi ka jaana ba ne ba sireletsa dilo tseo.
Mme Bagwasi a re go botlhokwa go lemoga tiro e bagoi ba e dirileng ka jaana bangwe ba le fa ba leng teng mo botshelong ka ntlha ya kgodiso le tlhokomelo ya bagodi.
A re go ngomola pelo go bona bagodi bangwe ba tshelela mo khumanegong le mo bodutung. A re se ke sone se dirileng gore a tie moko, mme a simolodise kago ya lefelo le ba ka iketlang kwa go lone; ba tlamelwa ka dijo, mme maitseboa ba boele malwapeng.
E rile ka Matlhatso, mekgatlho mengwe e ne ya thusa Mme Bagwasi go penta le go phepafatsa lefelo leo, ba le baakanyetsa pulo semmuso.
O lebogetse mekgatlho le dikhamphane tse di mo emeng nokeng gore a kgone go fitlhelela toro ya gagwe, a re o na le tsholofelo ya gore mo bogautshwaneng, lefelo leo le tla wela, mme bagodi ba simolole go le dirisa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 25 Sep 2019