Diragatsang toro -Balopi
25 Sep 2019
Motsamaisa dipuisano tsa palamente wa pele, Rre Patrick Balopi, o rotloeditse maloko a kereke ya Assemblies of God go diragatsaAatswana ba akole kagiso le thokgamo.
O ne a tlatsa ka gore ke maikarabelo a dikereke go aga setshaba se se ratang go tshelela mo kagisong le go boifa Modimo, selo se a tlhalositseng gore mafatshe a mangwe a se tswela pelo.
Rre Balopi o ne a abela kereke dikete di lesome tsa di pula go thusa mo kagong ya kereke.
Modulasetilo wa komiti ya kago ya kereke, Rre Herbert Mokute, o boletse gore ba ikaelela go aga kereke e ntsha ka gore ya nako eno e agilwe bogologolo.
Rre Mokute a re ba tsweledisa tiro ya kereke fa ba bangwe ba tlogetseng teng.
A re ditso di supa fa kereke eo e similotse ka ngwaga wa 1963.
Rre Mokute o boletse fa ba eletsa go aga kereke e e ka tsenyang batho ba le sekete le makgolo a mabedi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Kabo dimpho
Date : 25 Sep 2019