Breaking News

IEC e rutuntsha bontlhopheng

25 Sep 2019

Mogolwane wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la IEC kwa Boteti, Rre Gaolopelwe Ketlogetswe, a re go botlhokwa gore bontlhopheng ba tlhaloganye tsamaiso ya ditlhopho.

Rre Ketlogetswe o buile jalo kwa thuto puisanong ya bontlhopheng ba kgaolo ya Boteti Bophirima kwa Rakops bosheng.

O boleletse bontlhopheng ka tse di tlhokwang ka nako ya go isa maina a bontlhopheng.

Rre Ketlogetswe a re ntlhopheng o tshwanetse gore a bo a na le lekwalo lele supang gore o romilwe ke phathi efe e bile gape a na le batho ba robabongwe baba mo tlhophang mme ba  le teng mo kgaolong eo.

A re ba tshwanetse go saena  pampiri e na le maina a bone, nomoro ya Omang, ya ditlhopho, aterese, leina la kgaolwana le kgaolo e ba ikwadisitseng kwa go yone.

Rre Ketlogetswe a re  letsatsi la go isa maina a bontlhopheng ke gompieno.

O tlhalositse fa go sena ntlhopheng yo o tlaa rurifadiwang a sa ntsha pampitshana e supang dituelo tsa peeletso ya  P500 wa palamente kana P100 wa khansele.

Rre Ketlogetswe a re batsamaisi ba ditlhopho ga ba na go letlelela tlhopho ya ntlhopheng fa sa supa tse molao o di lopang mo go ene.

A re fa tsamaiso ya go isa maina a bontlhopheng e sena go wela, batsamaisi ba ditlhopho ba tlaa phatlalatsa mokwalo oo supang maina a ntlhopheng, mafelo a bone, sekano  le mebala ya phathi. 

Mokwaledi wa lephata la kabo ditsha ya Rakops, Rre Mudongo Matenge, o ne a rotloetsa bontlhopheng go bala le go tlhaloganya  mokwalo oo supang tse di tlhokwang mo tsamaisong ya ditlhopho gore ba seka ba kgopekgopetsana le tsamaiso ya ditlhopho.

Rre Matenge o ne a leboga IEC ka thulaganyo ya go rutuntsha bontlhopheng gore botlhe ba itse tse ditlhokwang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Rakops

Event : Thuto puisano

Date : 25 Sep 2019