Breaking News

Go fitlhetswe masalela a go belaelwang e le a motho gaufi le Rakops

25 Sep 2019

Mookamela Mapodisi a Kgaolo ya District No. 8, Senior Superintendent Sarah Gabathusi a re  ba fitlhetse koloi e shele mo sekgweng, e bile e na le masalela a go belaelwang ele a motho gaufi le motse wa Rakops.

Senior Superintendent Gabathusi  a re e ne ya re ka Sontaga (Lwetse a tlhola malatsi a le masome mabedi le bobedi) ba utlwa magatwe a gore modisa mongwe o bone  koloi nngwe e e sheleng golo gongwe, mme ba ne ba latedisa, ba seka ba e bona.

A re  e ne ya re letsatsi le le latelang ba bolotsa letsholo la go e batla, mme ba e fitlhela e shele lorelore, mme go na  le masalela a go belaesegang e le a motho mo go yone.

A re ba ne ba tsaa masalela ao go a isa kwa go bo maitseanape ba marapo gore ba a sekaseke gore a ke a motho. 

Senior Supt. Gabathusi a re koloi eo, e tshwana le ya Kgosi wa kgotla ya Borai kwa Rakops, Rre Letang Segaise (96), yo ntseng a batliwa.

A re  ba lelwapa la ga Kgosi Segaise ba ne ba ba begela fa a nyeletse kgwedi e e fetileng ele masome a mabedi. A re ba ne ba leka ka gotlhe go mmatla, mme ba seka ba mmona. 

Senior Supt. Gabathusi a re ba kopa gore ope yo onang le kitso ka tiragalo eo, a ba lome tsebe.

A re ba belaela gore tiragalo e e ka tswa e dirilwe ke batho ba e kopanetse, kana e le segopa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Letlhakane

Event : Potsolotso

Date : 25 Sep 2019