Breaking News

Nnang sekao mo baneng - Zimona

24 Sep 2019

Mogolwane wa moepo wa Khoemacau, Mme Ontitile Zimona, o gwetlhile batsadi go nna sekao mo matshelong a bana ba bone.

Mme Zimona o buile se kwa Maun kwa moletlong wa go ipelela dingwaga  tse di masome a mararo sekole se segolwane sa Tsodilo se ntse se le teng.

Moletlo o, o ne o kopane le kabo dimpho ya baithuti ba ba gaisitseng ba bangwe.

Mme Zimona a re go botlhokwa gore batsadi ba rute bana maitsholo a a eletsegang.

A re ba tshwanetse go emisa mokgwa wa go tlhakatlhakanya bana ditlhaloganyo ka go ba rekisetsa ditagi.

A re mo nakong ya gompieno baithuti ba le bantsi ba lebanywe ke dikgwetlho tsa go sa ithuta ka phuthulogo ka jaana batsadi ba sa ba ema nokeng.

Mogolwane wa moepo a re baithuti bangwe ba inaakantse le ditiro tse di ka ba senyetsang bokamoso mme batsadi ga ba kgaleme seo, ka jalo a  kopa batsadi go emela bana ba bone ka dinao go thusa barutabana go ba betlela bokamoso.

Mme Zimona a re batsadi  ba tshwanetse go nna ba etela sekole go lekola barutabana le gone go itse gore bana ba dira jang a re seo se ka thusa go ntsha maduo a a botoka mo sekoleng. O ne a kopa baithuti go ikgapha mo dilong tsotlhe tse di ka ba senyetseng bokamoso.

Mogoko wa sekole,  Mme Bena Moseki  o boletse fa sekole se na le baithuti ba le 1 038, barutabana ba le 80 le badiri ba bangwe ba le 25, a tlhalosa fa ditiro ka bontsi tsa sekole seo ba kgona ka tshwaragano, lerato le neelano.

A re ba tlaa dira ka natla go tsweledisa bontle jo sekole se itsiweng ka jone.

Mongwe wa baithuti ba ba kileng ba tsena kwa Tsodilo yo gompienong e leng ngaka kwa kokelong ya Princess Marina, Dr Gaerolwe Masheto, a re e ne e le moithuti ka ngwaga wa 1993-1994.

 O ne a kgothatsa baithuti go tsaya malebela mo go ene mme ba ipolelele gore le bone ba ka kgona.

Dr Masheto a re ntswa go ne go le thata ka nako ya bone ba ne ba sa ineele ka jaana ba ne ba itse fa thuto e le konokono.

A re baithuti ba pele ba tlaa ithulaganya go bona gore ba ka thusa jang sekole seo gore ba busetse serudumo sa sone.

Moithuti yo wa pele a re ka nako ya bone ba ne ba pasa thata.

Dr Masheto o ne a fa baithuti mpho ya dikausu tsa sekole di le masome a mane a re di rekilwe ke ba lelwapa la gagwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : Maun

Event : Moletlo wa go ipela

Date : 24 Sep 2019