Tsayang tsia botsogo jwa lona
24 Sep 2019
Mookamedi wa lephata la thuto go tswa kwa moding kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Mokgosi Labane, o gakolotse babereki ka ene le setshaba ka kakaretso go tsaya botsogo jwa bone tsia.
Rre Mokgosi o gakolotse jalo kwa letsatsing la botsogo le le neng le rulagantswe ke lephata la gagwe kwa Masunga bosheng.
A re letsatsi leo, le botlhokwa ka jaana le thusa gore ba abelane megopolo ya ka fa ba tshwanetseng go itlhokomela ka teng.
A re go botlhokwa gore batho ba nne ba itshidila mebele ka dinako tsotlhe le go ela tlhoko dijo tse ba di jang.
Rre Mokgosi a re fa ba dira jalo, ba tlaa bo ba itirela bomolemo ka jaana ba tlaa bo ba netefatsa fa ba shafatsa le go babalela mebele ya bone.
A re fa batho ba ka tsaya tsia go itshidila mebele le gone go tlhopha dijo tse ba di jang, go ka ba thusa go tila ditlhabi dingwe mo mebeleng ya bone, tse gantsi di bakang gore ba felele ba ikaega ka dipilisi le melemo mengwe.
Rre Mokgosi a re go a tshwenya ka jaana go le gantsi batho ba na le go itlhokomolosa ntlha ya go ela tlhoko ka fa ba jang ka teng le gone go sekaseka dijo tse ba tshwanetseng go di ja, a supa fa batho ba na le mokgwa wa go okiwa thata ke dijo tse di nang le letswai le sukiri.
Mo godimo ga moo, Rre Mokgosi o ne a ba gwetlha go inaakanya le ditiro dingwe tsa mo malwapeng, tse di ka ba thusang mo itshidilong ya mebele, a bo a kgalema kgatlhanong le go inaakanya le dingwe tse a boletseng di ka koafatsa mebele ya bone, jaaka metsoko le nnotagi.
Mo go tse dingwe, o ne a itsise batho fa tlhaloganyo le yone e tlhoka go tlhokomelwa go itsa gore e felele e itebanya le dilo tse di sa tlhokafaleng, a re go botlhokwa gore ba nne ba itumetse ka dinako tsotlhe.
Rre Mokgosi a re mongwe le mongwe o na le thata ya go dira bojotlhe go nonontsha tlhaloganyo ya gagwe, e le go leka go e faposa mo dikakanyong tse di sa lebanang, tse di ka tsisang mowa wa boitlhobogo.
A tswelela ka go ba tlhaba podi matseba go tlhaloganya fa leeto la botshelo le ka seke la nna boreledi ka dinako tsotlhe, ka jalo go le mo maruding a bone go tlhomamisa gore ba kgaratlhela go batla tlharabololo ya dikgwetlho tse ba ka kopanang natso.
Mogokgo wa sekolo se segolwane sa Masunga, Mme Mmadube Letsholathebe o ne a gwetlha batho go itshidila mebele, go na le go dira jalo fela ka letsatsi la botsogo.
Mme Letsholathebe a re seo se ka dira pharologanyo mo mebeleng ya bone.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya Masunga, Mme Esther Nare, o ne a leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo katlegong ya letsatsi leo.
Batsena letsatsi leo ba ne ba tsaya karolo mo metshamekong e e neng e akaretsa kgwele ya dinao, bolotloa le e mengwe e le bontlha bongwe jwa go itshidila.
Bodiredi jwa kgaolo eo ya Bokone Botlhaba bo ne jwa abela sekolo sa Masunga senior mephuthelwana ya mesangwana ya bomme e le masome a matlhano, go abelwa baithuti ba seokolo seo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 24 Sep 2019