Letlhoko la ditsha ke kgwetlho kwa Kgatleng
24 Sep 2019
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, a re kgaolo eo e abile ditsha d ile 294 mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng.
Fa a rola pego kwa bokopanong jwa khansele ka Mosupologo, Rre Morolong, yo e leng mokhanselara wa Boseja Legare, o boletse fa 187 wa ditsha tse di beilweng e le tsa bonno.
A re ka ntlha ya madi a phimolo-dikeledi a a kwa tlase, Batswana ba gana go neela puso masimo a bone go godisa metse.
A re beng ba masimo ba ikanya go fetola tiriso ya ditsha tsa bone go dira tse di ba tsenyetsang madi go na le go fa puso go segela setshaba.
Rre Morolong a re motse wa Oodi ke one o nang le dikopo tse dintsi go feta mafelo otlhe a Kgatleng ka palo yotlhe ya baikopedi bale 111 935.
“Se se raya gore kgaolwana ya Oodi e tshwanetse go fiwa maemo a ntlha fa go abiwa ditsha,” a rialo. A re go abiwa ga ditsha go bonya ka ntlha ya tlhaelo ya lefatshe.
Rre Morolong a re lekgotla la kabo ditsha le kaile fa go na le ditsha di le 47 601 mme go rurifaditswe di le 27 297 fela. Rre Morolong a re se se raya gore mathata a go bona lefatshe go abela Batswana a tlaa golela pele, ke ka moo lekgotla la kabo ditsha le ikaeletseng go leka methale e mengwe ya phimolo-dikeledi.
Modulasetilo wa khansele o ne gape a tshwaela ka gore Bakgatla, ba itumedisitswe thata ke ditshwetso tsa lekoko le le neng le sekaseka dikgang tsa morafe wa Bakgatla ba Kgafela kwa Afrika Borwa.
O lebogile Kgosi Kgolo Kgafela Kgafela II go bo a supile bogatlhamela masisi go lwela ditshwanelo tsa morafe wa gagwe.
A re Bakgatla ba tshwanetse go ema nokeng kgosikgolo mo maikaelelong otlhe a gagwe.
Fa a bua ka dikatlego tsa khansele, Rre Morolong o buile ka lenaneo la mealo ya ditena mo ditseleng la ngwaga tse tlhano le nneng ba ipeela seelo sa go dira selekanyo sa 19.2kms go ralala kgaolo ya Kgatleng.
A re mo bo gompienong, ba kgonne go dira selekanyo sa 14.1km fa 2.1km a santse a dirwa.
O supile fa khansele e le mo thulaganyong ya go simolodisa selekanyo sa 3km se se setseng.
Rre Morolong a re katlego e nngwe ke ya lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP la ntlha le la bobedi ka go aga matlo a borutelo, a barutabana le matlwana a boiteketso a baithuti.
Modulasetilo a re o maswabi go bo khansele e sa fitlhelela maikaelelo a yone a go aga mesele ya metsi a pula le merwalela kwa kgaolong ka ntlha ya letlhoko la madi.
A re go diragadiwa ga lenaneo le ke gone fela tharabololo ya sennela ruri ya mathata a merwalela le go tlala ga metsi a pula mo kgaolong ka bophara.
Rre Morolong a re le fa madi e nnile kgwetlho, khansele e kgonne go dira ditiro tsa mesele ya kgopho ya metsi a pula tse di fokotsang manokonoko a merwalela le go tlala ga metsi kwa dikgotlaneng tsa Moshawana le Bophirima ka letlole la general fund.
O ne a nankola kgang e e tlhorang Bakgatla boroko ya letlhoko la dipalamo tsa setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : MOCHUDI
Event : Bokopano jwa khansele
Date : 24 Sep 2019