Mananeo a ka nyeletsa lehuma
23 Sep 2019
Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, a re puso e rotloetsa batho go dirisa nonofo e ba nang le yone go dira dikgwebo tse di ka ba thusang go itlhotlhora lehuma.
O buile jalo kwa Mokgenene kwa kgaolong ya Legare bosheng fa go ne go abelwa banni ba kgaolo ya botlhophi ya Shoshong ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma didirisiwa tsa go simolodisa dikgwebo.
Mme Tshireletso a re ka ngwaga wa 2011, puso e ne ya simolodisa mosepele wa go nyeletsa lehuma ka go rotloetsa batho go itirela.
A re lehuma le ka nyelela ka go dirisa mananeo a a rotloetsang batho go dirisa ditlhaloganyo tsa bone go tsena mo dikgwebong tse ba dumelang gore ba ka di kgona.
Baikopedi ba feta makgolo a mabedi ba ne ba abelwa mananeo a akaretsang thuo ya dihutshane, kapei, temo ya ditlhare le ba ba dirisang matlalo go ntsha dithoto ka go farologana.
Mme Tshireletso a re botlhe ba ba thusiwang ka lenaneo le, ba tlhophiwa ka kelelelo ka go dirwa tshekatsheko e e tseneletseng mme morago ba rutuntshiwe gore ba kgone go tsamaisa kgwebo.
“Ba tswelela ba pepetlediwa gore ba kgone go itshetlela,” ga tlhalosa Mme Tshireletso.
O ne a supa gore lenaneo la nyeletso lehuma le rotloetsa gore batho ba itshetse ka dikitso tsa bone.
Mothusa Tona o tlhalositse gore puso e tsere boikarabelo go tlhomamisa gore ope a seka ka a salela morago ka ntata ya lehuma.
“Ke boammaaruri bagaetsho, goliate yo go tweng lehuma o teng fa gare ga rona, mme o tlhoka batho ba ba boineelo, ba le tlhaga, ba ikemiseditse go dira ka diatla tsa bone go mo nyeletsa.”
Mme Tshireletso a re methale ya khumo e mmalwa, mme e tlaa akolwa ke ba ba tlhaga, e bile ba dirisa ditlhaloganyo tsa bone.
E rile a itebaganya le ba ba neng ba abelwa lenaneo, Mme Tshireletso a ba rotloetsa go ikemela ka dinao.
“Tsatsi jeno le bagwebi, mme ke batla go le lemotsha gore kgwebo ke selo se se bokete, e na le dikgwetlho ka jalo e tlhoka bopelotelele.”
A re maikaelelo a puso ke go rotloetsa bagwebi ba mo gae go ntsha dithoto le dijo tse di ka dirisiwang mo gae le go rekisetswa mafatshe a mangwe.
O tlhalosa fa bagwebi ba ba botlana ba na le seabe se se nonofileng mo go tswakanyeng le go godisa itsholelo. Ka jalo a ba rotloetsa go ipapatsa gore dikgwebo tsa bone di gole, di itsege le go itshetlela.
Mookamedi wa lenaneo la nyeletso lehuma kwa ofising ya ga tautona, Rre Montshiwa Montshiwa a re puso e eletsa go nyeletsa lehuma mme e ka kgona ka thuso ya setshaba.
Rre Montshiwa a re lenaneo la nyeletso lehuma le na le dikgwebo tse di potlana di le masome matlhano le boraro di akaretsa tsa temo, thuo, kapei le go dira dithoto ka go farologana.
O tsweletse a supa gore dikgwebo tse di potlana tse di thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma di ntsha dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo.
Rre Montshiwa a re mo dithotong di le lesome le botlhano tse di neng di tlholwa boleng ke ba Botswana Bureau of Standards di roba bongwe di supafetse fa e le tsa boleng jo bo kwa godimo.
Rre Montshiwa a re go thusitswe batho ba le 37 002 ka lenaneo la nyeletso lehuma go tsena mo dikgwebong mme di le 29 504 di tsweletse di a dira.
“Dikgwebo tsa nyeletso lehuma di tlhamile ditiro di le 29504. Ba le 255 ba hirilwe go tsamaisa lenaneo, mme mo go bone 241 ke banana.” Rre Montshiwa a re mo kgaolong potlana ya Mahalapye lenaneo la nyeletso lehuma le thusitse ba le 2239.
“Mo go bone ba le 455 ba tswa mo kgaolong ya botlhophi ya Shoshong.”
Mothusa tona mo Lephateng la Tlhabololo Banana, Metshameko le kgodiso ngwao, Rre Dikgang Makgalemele a re ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma go na le matlhasedi a a supang gore ba na le bokgoni jwa go nna bagwebi ba popota.
Rre Makgalemele a re o leboga go bona banana ba tsibogetse lenaneo la nyeletso lehuma, fa bangwe ba bona ba kgonne go hirwa.
Mothusa tona o ne a re lenaneo leo le araba matshwenyego a banana a go babalelwa ke lehuma le letlhoko la ditiro.
O gakolotse banana gore ba dirise talente ya bone ya bodiragatsi go ikinola mo lehumeng.
Rre Makgalemele o ne a re ba ba thusitsweng ba eme ka dinao gore ba kgone go itshetsa le go rotloetsa ba bangwe go tsena mo dikgwebong le gone go itirela. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Mokgenene
Event : Letsatsi la kaloso
Date : 23 Sep 2019