Dialogane di galaletsa nyeletso lehuma
23 Sep 2019
Bangwe ba dialogane tsa lenaneo la nyeletso lehuma kwa kgaolong potlana ya Mahalapye ba lebogetse lenaneo le go ba fa seriti.
Ba buile se fa lenaneo le, le le fang baikopedi maano a itshetso le ne le alosa dialogane di le lesome le botlhano kwa Mokgenene kwa kgaolong ya Legare bosheng
Ofisi ya nyeletso lehuma e ne e abela batho ba ba ikopetseng go thusiwa didirisiwa tsa go simolola dikgwebo gone ka letsatsi leo.
Bangwe ba ba neng ba thusiwa kwa tirong eo ke ba ba itlhophetseng go tsena mo kgwebong ya thuo ya dihutshane, kapei, go dirisa matlalo go ntsha dithoto ka go farologana le temo ya ditlhare.
Fa a afa bopaki ka maduo a lenaneo le, mongwe wa dialogane Mme Lorato Kgolokwane wa Mahalapye yo o simolotseng kgwebo ya thuo ya dikoko ka ngwaga wa 2017,o ne a re o se a leng sone ka lenaneo le.
Mogwebi yo, yo o setseng a itshetetse o ne a supa gore o dirisitse dipoelo tse a di bonang ka thekiso ya mae go tsena mo thuong ya dikoko tsa nama.
A re sephiri sa go ntsha maduo a a godisang kgwebo ke bonatla le boineelo mo go se a se dirang.
A re ka dipoelo tsa mae le dikoko o kgonne go bula kgwebo ya semausu, e le yone e tsweletseng sentle.
Mme Kgolokwane a re o dumela gore lenaneo le, le mo tlhotlhorile botlhoki.
“Ga ke tshwenye ope ka go kopa. Le fa ke sa latole gore kgwebo e na le dikgwetlho tse mo mabakeng mangwe di ka dirang gore motho a ineele, nna ke ikemiseditse go lwantsha sekgoreletsi sepe se ke lebaganang le sone,” a tlhalosa.
O ne a tlhalosa gore o kgonne go gokela motlakase kwa lwapeng, go tlamela bana le go dira ditiro tse dingwe.
Mme Kgolokwane o kgothaditse botlhe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go nna boineelo le go dira ka natla gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone le go nna le seabe mo go godiseng itsholelo.
Mme Gaebonwe Kealebale, wa Otse o tsenye mo kgwebong ya kapei ya borotho.
A re ka gotwe dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe, o ne a thapiwa ke mongwe kwa Gaborone a thusa mo lwapeng mme a felela a ithutile kapei ya borotho mo mohiring wa gagwe.
O supile gore o thusitswe ka didirisiwa tsa kapei ya borotho ka ngwaga wa 2013 mme o direla mo lwapeng. A re dipoelo tsa thekiso ya borotho di tokafaditse itsholelo ya lelwapa la gagwe.
“Ke na le toro ya go godisa kgwebo yame, mo nakong eno ke apaya magwinya le diphaphatha, mme ke eletsa go ipona ke godile ke apaya marotho a mefuta e farologanyeng,” ga tlhalosa Mme Kealebale.
A re keletso ya gagwe ke go reka koloi mo isagong gore a kgone go fitlhelela bareki motlhofo ka bogompienong a tsamaya ka dinao go rekisa mo malwapeng.
O lebogetse puso go tswa ka mananeo a a thusang setshaba go itepatepanya le dikgwetlho tsa botshelo.
O supile gore ene le bagwebi ba bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go tsena mo kgwebong ya borotho, ba filwe thendara ya go apeela bana ba sekolo se se botlana sa Otse borotho.
“Re tsweletse sentle le fa gone go na le dikgwetlho tsa gore re bereka re le setlhopha.
Fa ke chaisa kwa sekolong ke tswelela ka go apaya borotho jo ke bo rekisetsang banni ba Otse. Ke batla go ipona ke le mo seemong sa go apeela meletlo e e farologanyeng borotho jwa mofuta o ba o eletsang”
Mme Botsenye Mosalagae go tswa kwa Mahalapye, o tsenye mo kgwebong ya go rekisa ditlhare tsa maungo, mekgabisa le moriti.
Mme Mosalagae a re o leboga thotoetso ya banni ba Mahalapye mo kgwebong ya gagwe. O thusitswe ka ngwaga wa 2017.
A re dipoelo tsa kgwebo ya gagwe di mo thusa go dira ditiro tsa mo lwapeng tse di tlhokang madi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : Mokgenene
Event : Letsatsi la kaloso dialogane
Date : 23 Sep 2019