NataGweta o tlhoka Majaga - Makgato
23 Sep 2019
Batlhophi ba kgaolo ya Nata/Gweta ba kopilwe go tlhopha ntlhopheng wa bopalamente wa Botswana Democratic Party (BDP), Rre Polson Majaga ka e le ene a ka emelang dikeletso tsa bone.
Mafoko ao a boletswe ke modulasetilo wa komiti ya bomme ba Domkrag, Mme Dorcas Makgato fa a ne a rola Rre Majaga semmuso ka Tshipi.
Mme Makgato a re Rre Majaga ke morongwa wa tlhwatlhwa yo o ka emelang dikeletso tsa bone ka a na le bokgoni gape a tlhaloganya kgaolo botoka ka o tswa kgakala le yone.
Mme Makgato o boletse gape fa Rre Majaga a le lerato, e bile a eteletsa dikeletso tsa baagi ba kgaolo kwa pele.
A re dingwe tsa ditlhabololo tse a kopileng gore di dirwe mme di sa kgonagala, e tlaa bo e le ka ntata ya tlhaelo ya madi.
O boletse fa BDP e na le mananeo a a tsepameng, gape e sala molao motheo morago, e bile e ikaegile ka puso ya batho ka batho.
O ne a tsibosa setshaba gore ba seka ba itewa tsebe ke diphathi tsa kganetso tse dingwe tsa tsone maitlamo a tsone a sa itlhaloseng sentle.
Mo go tse dingwe, Mme Makgato o boletse fa tsela ya dikhilomithara tse di makgolo mararo go tswa kwa Nata go ya Maun e tlaa dirwa.
Dibui tse dingwe di ne tsa kopa batlhophi gore ba seka ba tsiediwa ke diphathi tsa kganetso, ka go di tlhopha e tlaa bo e le go itlhaba ka ka thipa mpeng.
Mongwe wa dibui, Rre Edwin Batshu a re BDP e betlile tsela e mang le mang a e bonang.
A re gore go bo go rena kagiso mo lefatsheng ke puso ya BDP, e bontsi jwa mafatshe bo e meletsang mathe.
Rre Batshu a re mo dingwageng tse di masome matlhano le boraro, phathi eo e busa, puso e kgonne go tokafatsa seemo sa botsogo, thuto le ditlhabololo ka go farologana mo lefatsheng.
Fa a amogela thomo, Rre Majaga o ne a supa fa gona le dikgwetlho, a tlatsa ka gore ka tshepho ya Modimo sengwe le sengwe se tlaa boela mannong.
Rre Majaga o boletse go re go mo tlhopha gape, go tlaa mothusa go tsweledisa fa a emeng teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Nata
Event : Phuthego ya sepolotiki
Date : 23 Sep 2019