Breaking News

Bomme ba itlama go aga kereke

23 Sep 2019

Bomme ba kereke ya Holy Christian Apostolic Church in Zion ba rotloeditswe go emela ka dinao maitlamo a bone a go aga kereke go tsamaelana le dipaka tsa segompieno.

Fa a buisa bokopano jwa bomme ba kereke eo kwa kgaolong ya Kgalagadi kwa Tsabong bosheng, moeteledipele wa lekgotla la bomme kwa Maun, Mme Keakantse Elisha, o boletse fa maitlamo a go agiwa ga kereke a a diragetseng ka malatsi a paseka monongwaga a tshwanetse go diragatswa.

 A re komiti e tlaa tsamaya le dikgaolo go bona gore maitlamo a go aga le go tlhabolola dikago tsa kereke eo a a diragadiwa.

Moeteledipele wa bomme a re bontsi jwa dikereke tsa meropa ga di a tlhabologa, ka jalo bomme ba   e leng maloko ba ne ba tsaya tshwetso ya go ema ka dinao.

A re tebego ya mme wa seaparo e tshwanetse go supa fa mme a tswang teng ka jalo ba tshwanetse ba ikitaya ka thupana go tokafatsa dikago tsa kereke eo.

Mme Elisha re fa motho a obamang teng go tshwanetse ga nyalana le kapari ya gagwe. 

Bomme ba tsere tshwetso ya gore ba dire madi ka go dira mekolokotwane, go apaya ba bo ba rekisa dijo le maitiso a moopelo gore ba tle ba kgone go aga kereke eo.

A re kereke ya Holy Christian Apostolic Church in Zion e aperwe ke letlhoko mo mabakeng a a farologanyeng ka jalo e tlhoka go fetolwa.

Mme Elisha o tlhalositse gore ka kgwedi ya Seetebosigo ba ne ba phuthaganetse kwa Maun go tswa ka methale ya go tlhabolola dikago tsa kereke.

O ne a rotloetsa maloko otlhe go tsaya karolo mo tirong e tona e ka tota setshwarwa ke ntsa pedi se se thata.

Mme Elisha a re keletso e nngwe ke go tshwaragana le batsaya karolo botlhe mo kerekeng le kwa ntle jaaka bagwebi.

Mokwaledi wa bomme ba kereke eo, Mme Ketsile Malefho a re ba ipeetse seelo sa gore morago ga dingwaga tse tlhano ba tlaa bo ba supa motlhala wa se ba se dirileng.

A re letsholo la komiti eo le tlaa ruta bomme gore ba nne le boitsholo jo bontle mo kerekeng mme ba nne moko o thata mo tumelong.

Mme Ketsile Malefho a re ba tlaa tsosolosa dikolo tsa Tshipi tsa kereke eo gore bana ba tshelele mo tumelong. 

Moruti kwa Kolonkwaneng, Rre Geoffrey Mongwelemongwe o tlhaloseditse baphuthegi gore e rile go simologeng ga kereke eo, ba remelela thata mo seporofitong mme tse di tshwanang le dikago ba seka ba di tsaya ka tlhwaafalo.

O ne a tlhalosa gore mo dipakeng tsa segompieno kereke eo e tshwanetse go tlhabologa.

A re botsogo jwa gompieno ga bo sa tlhole bo tshwana le jwa bogologolo ka dilo di fetogile mme dikago le tsone di tshwanetse tsa dirwa gore di babalele botsogo.

Mokhanselara wa Tsabong Borwa, Rre Lucky Lorekang yo gape e leng moruti wa kereke eo, a re mo dinakong tsa segompieno baruti ba tshwaragane le bothata ka gore botshelo jwa segompieno ga bo a iketla.

 A re go tshelela Modimo go tshwanetse go tsamaelana le paka ya segompieno jaanong selo se se tsentse baruti mo kgatelelong ya gore thuto e ba e rutang ga ba bone e ba tswela mosola.

A re thuto ya baruti e wela mo mmung o o makgarapana ka gore ka bonya ka bonya dipalo tsa kerekeke eo di ya kwa tlase mme ba latlhegelwe ke banana ka bontsi.

A re dikereke tsa segompieno tsa ‘fire’ di a gola mme e bile di a tlala mme teng koo go buiwa lefoko la Modimo le le tshwanang le le ba le rerang.

“Potso e nna gore kereke ya Holy Christian Apostolic Church in Zion yone e palelwa ke eng go oka batho mo dikerekeng tsabone?” A re go tlhabolola kereke go na le seabe se setona mo go nneng le baphuthegi ka dipalo tse di rileng.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Tsabong

Event : Bokopano jwa bomme

Date : 23 Sep 2019