Komiti ya ditlhabololo kwa Serinane e rola ntlo
23 Sep 2019
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Serinane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Kolobetso Lekollwane, o lebogetse banni ba motse oo go tsenya letsogo mo tirong ya go agela Rre Berry Senekowe ntlo.
O buile se fa Rre Senekowe a ne a rolelwa ntlo ya kamore e le nngwe kwa Serinane bosheng.
A re tshwaragano e e supilweng ke banni ke yone e ba thusitseng go fitlhelela tiro e.
Mme Lekollwane o ne a leboga gape baithaopi ba ba neng ba aga ntlo eo.
O ne a ngongoregela gore fa motlhoki a agelwa ke khansele ga ba fiwe sebaka sa go aga gore batle ba iponele lemmenyana.
O kopile ba ba tsereng mananeo a nyeletso lehuma go a tshwara ka matsetseleko gore a tle a fetole matshelo a bone.
Mme Lekollwane o supile gape fa a itumelela tshwaragano ya badirelapuso le kgosi ya Serinane.
Kgosi Malang Galeatle ene o ne a supa fa tiro e ba e kgobokanetseng eo e tlhoka lerato.
Kgosi Galeatle o supile fa toro ya gagwe e le go tsamaisa motse ka tlhomamo
O supile fa a bodiredi bongwe jwa khansele bo seke bo ba ema nokeng fa ba kua mokgosi,.
Sebui sa tlotla e bile e le mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Serinane, Mme Goabaone Bakwena, o ne a supa fa tiro ya komiti ya ditlhabololo tsa motse e le go goga motse, a supa fa tiro ya go aga ntlo eo ba e dirile ka tshwaragano le badirelapuso le morafe.
Mme Bakwena o supile fa motho mongwe le mongwe a tshwanetse go ithuta go aba, a supa fa komiti eo e file Rre Senekowe seriti sa go nna le bonno.
Mogokgo o supile fa a dumela fa ntlo eo e sa felela, ka jaana e na le kamore e le nngwe fela, a bo a gwetlha gore e oketswe gore boora Senekowe ba nne le bonno jo bo botoka.
E rile a ntsha la gagwe, Rre Senekowe, o ne a supa fa itumeletse ntlo eo thata ka a ne a sena bonno gotlhelele, mme a supa fa a setse a godile thata mme a sena ntlwana ya boitiketso.
Mongwe wa banni, Rre Mabogo Gabaatlholwe, o ne supa fa komiti e dirile tiro e ntle thata, a bo a kopa boorra Senekowe go e amogela ka lorato le ntswa ba santse ba na le tse ba di tlhokang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Serinane
Event : Kabo ntlo
Date : 23 Sep 2019