Banni ba Moshupa ba rotloediwa go tlotla kgotla
22 Sep 2019
Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa o kopile banni ba motse oo go tlotla kgotla ka dinako tsotlhe.
A re kgotla ke yone lefelo le batho ka go farologana ba kopanang teng go buisanya ka mananeo le ditlhabololo, a tlatsa ka gore puso ya batho ka batho e thaetswe kwa kgotleng.
E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, Rre Karabo Gare bosheng, Kgosi Mosielele a re o tshwenngwa ke gore morafe o maoto a tshupa go tsena diphuthego tsa kgotla.
A re mo pusong ya batho ka batho, morafe o tshwanetse go nna le seabe mo ditshwetsong tse di tsewang.
A re le ntswa batho ba farologanye ka di tsela tse di ntsi, fa go tla mo mererong ya mo kgotleng, ba a kopana e nne morafe o le mongwe o o rerang mmogo.
O ne a rotloetsa baruti le baeteledipele ba makgotla a a farologanyeng go kgothatsa diphuthego tsa bone go tsena diphuthego tsa kgotla gore seabe sa bone se bonale.
Kgosi Mosielele o ne gape a kopa banni go phepafatsa leobo gore ba kgone go amogelela baeng fa go leng phepa teng, le go netefatsa gore leobo leo le a fediwa, gore le nne mo seemong se ba se eletsang.
Mo dikgannyeng tse dingwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Albert Golekanye, o ne a akgolela puso go diragatsa ditlhabololo tse ba saleng ba di kopile.
A re ba lebogela tshimolodiso ya kokelo ka jaana ba na le dingwaga ba e emetse, gape a tlhalosa fa morafe o lebogetse ditekodiso tse ba ntseng ba di fiwa mabapi le kgokelo ya metsi mo motseng.
Rre Golekanye o ne a akgolela mopalamente wa bone wa pele, Rre Gare go bo a nnile le seabe se segolo mo go kgaoganngweng ga madi a dikgaolo tsa botlhophi.
A re bogakolodi jwa gagwe bo ba kgontshitse go kgaoganya madi ao ka go lekalekana le go dira ditlhabololo mo mafelong a a farologanyeng a kgaolo eo.
Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa ba le bête se molangwana ka ditsela tse di yang kwa masimong, tse a tlhalositseng fa di sa tsamaege ka ntlha ya gore ga di gopiwe.
O ne gape a kopa puso go direla dikgwebo tse dipotlana lefelo la marekisetso ka jaana ba imelwa ke ditlhwatlhwa tsa go hirisa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Moshupa
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Sep 2019