Breaking News

A thupa e eme - John

22 Sep 2019

Mokwaledi wa Lephata la Thuto go tswa kwa Moding, Mme Bridget John, a re tiriso ya thupa kwa dikolong e tshwanetse go ema ka e le kgokgontsho mo baithuting.

Fa a buisa bagolwane ba lephata la thuto kwa kgaolong ya Ghanzi bosheng, Mme John a re go tshwanetse go dirisiwa methale e mengwe ya go aga bana kwa ntle ga  tiriso ya thupa.

A re go lemosegile fa barutabana bangwe ba gobatsa bana ka  thupa.

Mme John a re fa bana ba kgokgontshiwa  le bone ba tlaa fetoga bakgokgontshi mo isagong.

“E tlaa re kamoso le ene a bona dilo di sa tsamaye ka fa a eleditseng ka teng a fetoge mokgokgontshi, ” ga tlhalosa Mme John.

O ne a tlatsa ka gore go sekasekiwa molao wa thuto, mme sengwe sa tse di tlaa dirwang ke go ntsha tsetlana e e fang mogokgo tetla ya go dirisa thupa.

Le fa go ntse jalo, go tlaa rerisanngwa le batsaa-karolo  botlhe mo thutong.

Mo mogopolong wa go atswa batsadi ba ba mo komiting ya lekgotla la batsadi le barutana, Mme John  o boletse fa seo ga se kake sa kgonafala bogolo jang ka madi a tlhaela.

“Nnyaa bagaetsho ke batla seabe sa botsadi se bonala, ga re kgone go duela barutabana fa ba berekile morago ga nako,  madi ago duela batsadi ba e leng maloko a  komiti ya batsadi le barutabanaa  re ya go  a tsaya kae?” Mme John a akgela.

O ne a tlhalosa gore ngwana wa sekole yo o tswang mo sekolong ka ntata ya boimana o tshwanetse go letlelelwa go boela dithuto beke tse thataro mogaro ga pelegi, fa ngaka e rurufaditse gore o itekanetse.

 A re ba tlaa ntsha mokwalo tebang le se, a tlatsa ka gore o tlhoka thotloetso ya barutabana.

Mme John a re seemo sa mogare wa HIV mo baithuting se baya lephata la gagwe mo kgatelelong.

Ka jalo o ne a kopa bagolwane ba thuto go lwantsha seemo se ka go ruta baithuti  go ikgapha mo tlhakanelong dikobo ba santse ba le mo sekoleng.

O ne a gwetlha barutabana ba dithuto tsa  kaedi le tshidilo maikutlo go dira ka natla go laola seemo se. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Ghanzi

Event : Phuthego

Date : 22 Sep 2019