Breaking News

Dithuto di thusa go fokotsa borukutlhi

22 Sep 2019

Mapodisi a kgaolo ya District No. 2 a abetse batsaya-karolo mo thuto puisanyong ya twantsho borukutlhi le kgokgontsho ba le lekgolo le masome a le mabedi ditlankana.

Fa a aba ditlankana tseo kwa Serowe bosheng, modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa motseng oo bosheng, Bishop Morategi Selapa o boletse fa dithuto tsa mofuta o, di simolotswe ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Sedimonthole morago ga gore mapodisi a supe fa a tshwenngwa ke botlhoka tsebe jo bo diragalang kwa kgotleng ya Mosenya.

Dithuto tseo di ne tsa tswa mosola ka e rile morago ga tsone, borukutlhi jwa fokotsega.

Bishop Selapa  a re o na le tshepo ya gore fa dikereke di ka ba ema nokeng, borukutlhi bo ka fokotsega.A re kgaolo ya sepodisi ya District No. 2, e e akaretsang Serowe le metse e e mabapi e na le dipalo tse di kwa godimo tsa petelelo le go bolaana ga baratani, mme fa dithuto tse di ka anama, dikgang tse e ka nna selo sa maloba.

Rre Phenyo Moalusi, yo o kileng a bo a dira e le lepodisi, o ne a leboga komiti ya Botshabelo jwa Sechaba Multi Sectoral tiro e tona e e dirang, a tlhalosa fa ba na le nako e khutshwanyane ba tlhamile mokgathlo wa bone, mme se ba se dirang se a bonala.

O ne a kopa ba ba abetsweng ditlankana go ya go tsweledisa se ba se rutilweng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : Serowe

Event : Kabo ditlankana

Date : 22 Sep 2019