Breaking News

Masisi o kopela Makgato tlhopho

22 Sep 2019

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o kopile banni ba Chadibe le Borotsi kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami go tlhopha  ntlhopheng wa bopalamente wa Botswana Democratic Party, Mme Dorcas Makgato, ka a romega e bile a le tlhaga.

Fa a bua mo phuthegong ya phatlalatsa kwa Borotsi ka Labotlhano, Dr Masisi o boletse fa Mme Makgato a le tlhaga mo tirong ya gagwe, ka jalo go tlhokega gore a ye palamenteng go tsweledisa mosepele wa ditlhabololo.

A re Mme Makgato o itse dikgwetlho le matshwenyego a batho ba kgaolo eo mme e bile o mo tshepha gore o ka isa kgaolo eo kwa godimo.

O tlhaloseditse banni ba metse eo fa a itse ka letlhoko la bone la ditsha le metsi mme a ba solofetsa fa tseo ba tlaa di bona mme a ba rotloetsa go somarela metsi.

Tautona Masisi a re pathi ya BDP e ikemiseditse go tokafatsa botshelo jwa Batswana mme jaaka moeteledipele wa pathi eo, o ya go loisa itsholelo gore dikokomane tse di tlang di kgone go nna le ditsha.

A re o ya go bereka thata a tshwaragane le makhanselara, mapalamente, bo tona ba maphata le motsamaisa dipuisano tsa palamente go fetola botshelo jwa Batswana go nna jo bo eletsegang le go ntsha maduo.

Tautona Masisi a re mme o ka kgona fela fa banni ba kgaolo eo ba ka tlhopha Mma Makgato le mokhanselara wa kgaolwana ya Chadibe/Borotsi/Mathako, Mme Mummy Gaebolae.

Dr Masisi a re pathi ya Domkrag ke pathi ba Batswana botlhe mme e bopilwe go kopanya merafe yotlhe ya Batswana.

A re ke pathi e e ikaegileng ka ngwao ya therisanyo le gore mmualebe o bua la gagwe.

A re pathi eo e bopetswe mo maikanong a go isa morero kwa Batswaneng, a tlatsa ka gore e tlotla molao motheo wa lefatshe le wa pathi.

Tautona a re melao e mebedi e ke yone e mo tsentseng mo setilong sa botautona.

Tautona Masisi o rotloeditse madomi go ema kgatlhanong le dipathi tsa kganetso, a tlatsa ka gore fa ba ka tlhopha diphathi tsa kganetso ba ya go tshelela mo kgobedung ngwaga tse tllhano.

A re batlhophi ba botse dipathi tsa kganetso gore ba ya  go direla setshaba eng.

Fa a tswa la gagwe, Mme Makgato o boletse fa Tautona Masisi a setse a itshupile gore o ka isa lefatshe la Botswana kwa pele.

A re tautona o kgatlhanong le tshenyetso setshaba mme palamente e ne ya kgona go fetisa molao gore baeteledipele ba supe dithoto tse ba nang le tsone.

Mme Makgato a re Tautona Masisi o bone fa lefatshe leno le tshwanelwa ke go nna le botsalano le mafatshe a mangwe gore le kgone go anya dikitso le botsipa mo mafatsheng a mangwe go tlhabolola lefatshe leno, ka jalo o tsweletse ka go etela mafatshe ka go farologana go dira botsalano go tlhabolola botshelo jwa Batswana.

A re Tautona Masisi o na le morero le batho ka jalo se se dira ledula le thokgamo mo lefatsheng leno.

Mme Makgato o tsweletse ka gore Dr Masisi o tokafaditse melao gore Batswana ba kgone go itshetsa ka dikgwebo tsa bone.

Moeteledipele wa ipapatso wa BDP, Mme Tebelelo Seretse, a re dipathi tsa kganetso ga di bue boammaaruri mme a rotloetsa banni ba kgaolo eo go di itlhokomolosa.

A re Madomkrag ba tswelele ka go tsamaya mo motheong wa phathi ya bone.

A re dikgang tse ba tlang ka tsone tsa koketso ya madi a bagodi le dikamogelo ga se boammaaruri ebile di ya go dira koketso ya ditlhwatlhwa.

A re dipathi tsa kganetso ga di na lenaneo le le tsepameng la ditogamaano gore ba kgone go dira ditsholofetso tsa bone mo kgweding tse di lesome le bobedi jaaka ba bua. Mme Seretse a re go santse go sena phathi e e itekanetseng go tsamaisa puso ntleng le BDP.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Borotsi

Event : Phuthego ya phatlalatsa

Date : 22 Sep 2019