Breaking News

Bogodu jwa leruo bo apesitse batho kobo ka letshoba

19 Sep 2019

Mogolwane wa lephata la matlhoko a leruo kwa kgaolong ya Boteti, Dr Oletetseng Mahubaneng a re bogodu jwa leruo bo apesitse barui kobo ka letshoba.

Dr Mahubaneng o buile jaana  kwa thuto-puisanyong ya letsatsi le le lengwe e e neng e rulagantswe ke mapodisi a Orapa ka Labobed kwa Merakeng ya Xhumtsau.

A re kgomo ke khumo ya Motswana mme e tshwanetse ya sirelediwa mo magodung.

 O tlhalositse fa magodu a dirisa methale e le mentsi ya go senya e bile ba ipopa digongwana ba dirisana le ba dikgaolo tse dingwe go amogana leruo.

A re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go lwantsha borukutlhi.

Dr Mahubaneng a re morui o ntshwanetse a itse leruo la gagwe ka letshwao, mmala, letshwao la kgaolo le la mong e bile diruiwa di  rwesitswe manyena.

A re barui ba thapa badisa ba ba sa itseng sepe ka leruo mme go botlhokwa gore ba thape batho ba ba nang le kitso ya tlhokomelo ya leruo.

O ba rotloeditse go tshwaya dinamane ka nako.

A re ba lemogile gore barui ba tsaya lebaka go dira jalo mme seo se dire gore magodu a tseye diruiwa motlhofo go sena bosupi.

Dr Mahubaneng a re batho ba kgaola terata ya matlhoko a leruo e e thusang go kganela leruo go tsamaela kwa dikgaolong tse dingwe.

O ne gape a rotloetsa barui gore ba duele badisa ka nako gore ba seka ba tsenwa ke mogopolo wa go senya ba batla madi.

A re gape ba tshwaraganele go lwantsha borukuthi, ba dire mananeo jaaka ntebele ke go lebele le komiti ya twantsho borukutlhi mo merakeng. A re ba tlhokomele leruo ka go aga masaka go le tlhatlhela, go disa, go kenta, go tipa gammogo le go le jesa.

Selo se sengwe se se gakatsang bogodu a re ke batho ba ba duedisang magodu ba bo ba tsholola dikgang kwa makgotleng a ditshekelo.

A re kgomo e tshwanetse ya nna le sesupo sa phuduso go netefatsa gore e tswa kae e ya kae.

Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi mogolwne wa mapodisi a Orapa, Superintendent Kebaitsi Molefhe o supile fa e le go sekaseka le go rutuntshana ka methale ya go lwantsha burukutlhi gammogo le go lemotsha ka mothale o o siameng wa thekiso le go tlhajwa ga leruo mo go siameng le tlhokomelo ya lone.

Mokenti wa kgaolo ya Mopipi, Rre Game Modipe ene o gakolotse barui fa go le botlhokwa go sireletsa leruo mo malwetseng go na le kalafi.

Rre Modipe a re puso e thusa barui ka mokento wa kwatsi le serotswana e mengwe morui o a e ithekela.

A re ba tshwanetse ba kenta ka nako e le nngwe mo dithotaneng tsa bone go itsa gore leruo le le kentilweng le kopane le le sa kentwang.

Rre Modipe a re go botlhokwa go fa leruo dikotla ka gore go na le tse di tiisang masole a mmele gore le seka la tshabelelwa ke malwetse. BOKHUTLHO

 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : LETLHAKANE

Event : Thuto-puisanyo

Date : 19 Sep 2019