Kgomo selwana sa botlhokwa
19 Sep 2019
Ba lekalana la National Beef Measles Control Strategy le le ka fa tlase ga lephata la matlhoko a leruo ba tsweletse ka go rutuntsha setshaba ka manokonoko a kanamo ya bolwetse jwa mabele.
E ne ya re ka Laboraro ba bo ba rulagantse thuto-puisanyo ya letsatsi le le lengwe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, e maikaelelo a yone e neng e le go buisana le go tswa ka megopolo tebang le go lwantsha bolwetse jo.
Ka jalo batsena dithuto tseo, ba ne ba gakololwa fa go le botlhokwa gore mongwe le mongwe a nne le seabe, e bile a tlhoafalele go lwantsha bolwetse jwa mabele go itsa go anama ga jone.
E rile a bua kwa thuto-puisanyong eo kwa Masunga, mogolwane go tswa kwa lekalaneng la National Beef Measles Control Strategy, Rre Buzwani Mpofu o ne a bolela fa kgomo e le seikokotlelo se se botlhokwa mo matshelong a batho le mo itsholelong ya lefatshe leno tota.
A re go ngomola pelo go bona batho ba itlhokomolositse itshireletso ya bolwetse jo.
O kaile fa bolwetse jwa mabele bo anamisiwa ke batho le dikgomo, mme a gwetlha batho go ela tlhoko boitshwaro jwa bone, ba lemoge fa kgomo e le sengwe sa dilo tse lefatshe leno le ikaegileng ka tsone.
Rre Mpofu a re go botlhokwa gore ka dinako tsotlhe batho ba je nama e e tlhatlhobilweng, e bile ba ititeye ka thupana go netefatsa gore ba dirisa matlwana a boitiketso ka dinako tsotlhe go lwantsha bolwetsi jo.
O tlhalositse fa go utlwisa botlhoko go bo bolwetse joo e le bongwe jo bo nnileng le seabe se segolo mo go tswalweng ga matlhabelo, a supa fa dikgomo tse di lekgolo tse di neng di tlhajwa kwa matlhabelong, di le masome a mararo mo go tsone di ne di fitlhelwa di na le bolwetse jo.
Rre Mpofu o ne a bolela fa puso e tshwenyegile ka fa bolwetsi jo bo digang itsholelo ya Botswana ka teng.
A re ke ka moo e tsweletseng ka go dirisa didikadike tsa dipula go leka go bo nyeletsa ka gotlhe mo go ka kgonagalang.
A re seo ke ditshenyegelo tse di seng kana ka sepe tse di tlhokanang le gore mongwe le mongwe a tsholetse dinao go thusana le puso mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa mabele.
Rre Mpofu a re ka jalo go botlhokwa gape gore batho ka bongwe ka bongwe ba ipotse potso ya gore seabe sa bone ke sefe mo go lwantsheng bolwetse, ka jaana kgwetlho e tona ke gore ga bo kgone go tlhatlhojwa mo kgomong e tshela.
Batsena thuto-puisanyo eo ba ne ba ngongorega ka mekgwa e bangwe ba inaakanyang le yone, e ba tlhalositseng e kuketsa kanamo ya bolwetse, ba supa ka menwana badirisi ba metseto ya bana e e latlhelwang gongwe le gongwe.
Ba ne ba supa fa go dutla ga diphaephe tsa metsi, bogolo jang tsa kgopho ya metsi a a leswe, go na le seabe mo kanamong ya balwetse joo, ba supa fa go le gantsi ba lekalana la Water Utilities Corporation ba tsaya nako e telele go baakanya diphaephe, mo leruo le felelang le enwa metsi a a leswe ao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Thuto-puisanyo
Date : 19 Sep 2019