Breaking News

Ba rotloediwa go rekolola leruo

19 Sep 2019

Mothusa kgosi wa Letlhakeng Kgosi Tumelo Puleng o rotloeditse banni ba motse oo go rekolola leruo le le neng le gapilwe ke khansele-potlana ya Letlhakeng le ne le gobeya mo motseng.

Fa a amogela banni kwa phuthegong e e neng e biditswe ke modulasetilo wa khansele-potlana Rre Tlotlo Batlhophi ka Laboraro, mothusa kgosi o ne a supa fa leruo le senyetsa batho mo motseng, jaaka le roba dipompo, e bile le jela batho merogo le ditlhare.

O kopile ba ba gapetsweng leruo go ya go le tsaya, a solofetsa gore ga ba ke  ba lefisiwe sepe mo nakong e, a bo a kopa morafe go isa leruo kwa merakeng.

Kgosi Puleng o ne a kopa morafe go thusa mo paakanyetsong moletlo wa boipuso ka jaana ba ba setseng ba le teng ba tlhaela.

Modulasetilo wa khansele- potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa Takatokwane/Dutlwe Rre Batlhophi, o ne a supa fa Letlhakeng a gola, mme jaanong dilo dingwe di tlaa kgoreletsa matshelo a bone jaaka go fudusa leruo mo motseng.

Modulasetilo o supile fa tshwetso ya go fudusa leruo mo motseng ba e tsere morago ga go dumalana le morafe kwa kgotleng, mme ka jaana ba tsere lebaka go e diragatsa, ba boetse morago go lefisa batho ba ba neng ba gapetswe leruo, ka jaana ba ne ba sa ba tlhagisa.

O supile fa metse ya Letlhakeng le Takatokwane e gola thata, ka jalo ba tsere tshwetso ya gore matlakala a a mo motseng a tsewe ka dikoloi e seng dikotsekara jaaka kwa metseng e mengwe, ka jaana di imelwa ke tiro eo.

Rre Batlhophi o tlhalositse fa tiro eo e neelwa beng-gae.

Modulasetilo o supile fa thulaganyo e ba neng ba e akantse ya go tsenya dipone tse ditona e sa kgonagala, mme ba solofela fa e tlaa diragala ka ngwaga wa madi wa 2020/21.

O tlhalositse fa komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse go ntsha pego ya madi morago ga dikgwedi tse tharo, mme fa ba sa dire jalo morafe o tshwanetse go e batla.

Mo go tse dingwe mokhanselara o supile fa baikopedi ba lenaneo la SHHA ba sa duele, mme seo se ama ba ba santseng ba emetse go thusiwa.  Rre Batlhophi a re lenaneo la banana la Youth Development Fund le thusa baikopedi ka P100 000 go simolola dikgwebo, mme ba solofelwa gore ba buse bontlha bongwe jwa madi ao.

Le fa go ntse jalo, a re fela jaaka lenaneo la SHHA, bangwe ga ba buse madi ao.

 Modulasetilo o kopile ba ba setseng ba thusitswe ka mananeo go busa madi gore ba bangwe le bone ba tle ba thusiwe.

O ntshitse matshwenyego gore bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo la LIMID ba tlogela leruo le eswa fela ka gore puso ga e a ba fa mekento ka nako, a rotloetsa  banni go itlwaetsa go itirela ka se ba nang le sone go somarela leruo la bone, a supa fa botshwakga e le sebe.

Rre Batlhophi o ne a ama ntlha ya ditshwanelo tsa bana, a supa fa ngwana a na le tshwanelo ya go tlhokomelwa, go sirelediwa, ya botsogo le thuto, a supa fa bana ba sa dire sentle kwa dikoleng ntswa batsadi ba bone ba rutegile.

Modulasetilo o supile fa se se supa fa batsadi ba sena nako ya go ruta le go thusa bana.

O ne a ba kopa go nona pelo ka mathe ka kago ya kokelo e e ntseng e le teng mo thulaganyong.

Fa ba tswa la bone, banni ba ne ba supa fa e le nnete leruo le tshwenya mo motseng mme le tshwanela go ntshiwa.

Rre Phenyo Ramodulape o ne a supa fa a itumelela gore modulasetilo o boela kwa go bone le fa tse ba neng ba di solofetswe di sa kgonagala.

Rre Segomotso Puleng o ne a supa fa ba amogela tlhaloso ya gore ke eng fa leruo le tshwanetse go tswa mo motseng, selo se a reng se tlaa thusa thata ka leruo le le mo motseng le eja leswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : phuthego ya khansele

Date : 19 Sep 2019