Malope o bitsa dikgafela
19 Sep 2019
Moemela kgosi yo mogolwane kwa Kanye Kgosi Baboloki Mookodi a re dikgafela ke ngwao ya Sengwaketse e e kayang tlotla mo go kgosikgolo e bile e tsisa mowa wa tshwaragano, lorato le kagiso mo morafeng wa ga Ngwaketse.
Ka jalo, a re e tlaa re gompieko Bangwaketse ba ise dikgafela kwa kgotleng kgolo kwa morafe otlhe o tlaa bong o phuthaganetse teng go tla go lebogela thobo ya mono ngwaga.
Thulaganyo ya dikgafela e simolola fela ka Kgosi Malope II wa Bangwaketse a bitsa gore mabele a tsisiwe kwa kgotleng.
Bomme ba kgotla nngwe le nngwe e tsisa mabele ka ditlatlana ba eteletswe pele ke kgosana wa bone, mme kgosikgolo a tseye palo e a e batlang go thusa malwapa mangwe mo tlaleng.
Kgosi Mookodi o tlhalositse gore mabele a a busiwang jaanong a tlaa bo a boela kwa dikgotleng go ya go apewa bojalwa mme morago go bewe letsatsi la go bo tsisa mo kgotleng.
O boletse fa ka nako e jaanong go tlaa bo go kopiwa pula, jaaka baemedi ba makgotla ka go farologana ba tlhomagana ba tshela bojalwa mo thatholelong.
A re morafe o tlaa bo o ipela le baeteledipele ba one go nowa bojalwa e bile bongwe bo tshelwa fa fatshe e le sekao sa go fa badimo le go kopa pula.
Kgosi Mookodi o ne a tlhalosa gore ka nako ya go isiwa dikgafela ba dirisa dikala tsa moologa ka ba na le tumelo ya gore pula e tlaa ologa mme e gosomane.
A re e re ka moletlo wa dikgafela o diretswe go ipela, go tlhola go opelwa dipina tse di bitsang pula, e le jaaka ba e lopa mo magodimong.
Source : BOPA
Author : Lorato Sepheko
Location : KANYE
Event : Dikgafela
Date : 19 Sep 2019