Mosireletsi o teng kwa Tsabong
19 Sep 2019
Mosireletsi Rre Augustine Makgonatsotlhe o kgothaditse badirelapuso kwa Tsabong go thusa setshaba ka boammaaruri le ka tekatekanyo.
E rile a rolela morafe wa Tsabong ofisi ya lephata la gagwe ka Labobedi, morago ga gore e bulwe ka Phatwe, Rre Makgonatsotlhe a re seo se ka thusa setshaba go ba tshepa le go phuthologa go isa dingongorego mabapi le ditsamaiso tse di ba tshwenyang.
O ne a supa fa ofisi kgolo ya mosireletsi e le kwa Gaborone fa tse dingwe di le kwa Francistown le Maun, mme ya Tsabong e di dira nne ka palo.
A re maikaelelo ke go di anamisa lefatshe leno ka bophara, mme sebe sa phiri ke letlhoko la ditsompelo.
O supile fa mosireletsi e le mohememdi wa Batswana gore ba seka ba tsiediwa, ba rontshiwa ditshwanelo tsa bone kgotsa go gobelelwa ka mokgwa ope fela.
Rre Makgonatsotlhe o tlhalositse fa tiro ya mosireletsi e le go amogela dikgang go tswa mo setshabeng, mo dikomponeng tse di ikemetseng ka nosi kana motho ope fela yo o ngongoregang ka lephata kgotsa maphata a puso kana aa ikemetseng.
A re dingwe tsa ditsamaiso tse di sa tlhamalalang di akaretsa go tlhoka go duelwa sentle le ntswa modiri a berekile, go tlhoka go baakanya diphoso tse motho o di diretseng yo mongwe, go gana go araba dipotso tse di tlhamaletseng, go tlhoka maitseo le gone go gana go direla mongongoregi jaaka motho yo o nang le tshwanelo.
Rre Makgonatsotlhe o supile fa mongongoregi a ka ya go ikuela kwa ofising ya mosireletsi e e gaufi le go ba kwalela anankola maina a badirela puso ba a ngongoregang ka bone.
O ne a tlholosa gore mongongoregi o ka ya go ikuela kwa ofising ya mosireletsi mo lobakeng lo lo sa feteng dikgwedi tse di lesome le bobedi molato o ntse o diragetse, fa go padile a sa bona thuso mo lephateng kana kompone e a ngongoregang ka yone.
A re fa mosireletsi a tlhotlhomisa kgang mme a bo a lemoga gore ngongorego e lebane o tlaa tsaya dikgato tsotlhe tse di maleba go e rarabolola, go balelwa le gore go dirwe diphetogo dingwe mo tsamaisong fa go tshwanela.
Rre Makgonatsotlhe a re dikgang tse mosireletsi a sa di sekeng di akaretsa tse di fa gare ga mmuso wa Botswana le mafatshe a sele kgotsa mekgatlho, tse di amang tshireletso ya lefatshe, ditlhotlhomiso tsa dikgang tsa borukutlhi, ditaelo tsa sepodisi kana sesole, dikgang tse di fa pele ga makgotla a ditsheko.
Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba Tsabong ba ne ba itumelela go bo ofisi e butswe, ba re ba tlaa thusiwa gaufi ka e bile ba na le dingongorego tse dintsi.
Kgosana Piet Kaatzee o ne a supa fa bangwe ba feletse ba latlhegelwa ke ditiro ka ntlha ya go tlhoka mosireletsi ka go le pele ba ne ba latela mosireletsi kgakala.
Kgosi David Toto II wa Tsabong e bile e le moemedi wa Kgalagadi Borwa kwa Ntlo ya Dikgosi, o ne a supa fa bodiredi bo le bontsi bo sokola morago ga go tlogela tiro ka bogodi ka go tsaya lobaka lo lo leele ba sa duelwe mme seo se ba bakele dikoloto.
Kgosana Oshebeng Sephiri ene o ne a supa fa setshaba se latlhegetswe ke dikgang tse dintsi ka lebaka la gore ba ba tshwanetseng go di sekaseka ba abo ba ne ba sokametse letlhakore le le lengwe.
Fa a tsibogela dikakgelo tsa morafe, Rre Makgonatsotlhe o ne a dumalana gore dikgang di farologana go ya ka metse le dikgaolo,.
O ne a gakolola bodiredi jwa ofisi ya gagwe go emela dikgang tsa setshaba ka dinao le go potlakela go di rarabolola ntleng ga tiego.
O ne a supa fa modiri a tshwanentse go baakanyediwa le go neelwa dituelo tsa gagwe tse di mo tshwannetseng fa a tlogela tiro nako e sa le teng go itsa dikgotlhang le dingongora. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Sep 2019