Makhanselara a Legare a lebogela ditlhabololo tse di dirilweng
18 Sep 2019
Makhanselara a kgaolo ya Legare ba lebogile puso ka ditlhabologo tse di dirilweng mo dikgaolong tsa bone ka go farologana.
Ba buile se jaaka fa ba ne ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele ya Rre Peter Williams ka Labobedi kwa Serowe.
Mokhanselara wa Nshakashogwe Rre Anthony Chebane o ne a lebogela ditlhabololo tse di dirilweng kwa Tutume di tshwana le tsela, dipone tse di mo mmileng le mosele o o fetisang metsi a pula.
Rre Chebane o ne gape a lebogela puso go bo e bone go tshwanela gore metsi a letamo la Ntimbale a nose metse e e senang metsi kwa kgaolong ya gagwe le metse e e mababi, a bolela fa tiro eo ya go atolosa metsi e le gaufi le go dirwa.
O ne a lebogela go dirwa ga tsela ya Shashemooke/Mathangwane, a bolela fa e le botlhokwa ka e tlaa lomaganya metse eo.
A re tsela eo e tlaa tsenngwa le dipone.
Rre Chebane o ne gape a lebogela ditlhabololo tsa tsela tse di dirwang kwa Serowe.
A re Serowe ke motse o motona o o neng wa siiwa ke ditlhabololo, ka jalo go le maleba gore go bo go tsenngwa ditsela.
Mokhanselara a re o na le tsholofelo ya gore mo nakong e e tlang khansele ya legare e tlaa okelediwa madi ka e le tona thata mme e konyediwa madi.
Rre Chebane o ne a galaletsa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go bo a kgonne go dira diphetogo di le dintsi mo nakong e khutshwane e a nnileng Tautona.
A re go a itumedisa go bo Tautona Masisi a lwantsha tshenyetso setshaba.
Mokhanselara wa Motshegaletau Rre Malau Gabaipone o ne a lebogela mananeo a tshwana le la ESP, la go fokotsa melala le la ISPAAD, a re mananeo a a dirile go le gontsi mo lefatsheng leno go tlhabolola matshelo a batho.
A re lenaneo la ISPAAD le dira go le gontsi ka Batswana ba ne ba sa kgone go itemela mme ka thuso ya puso ba kgona go lema.
Mokhanselara wa Mogapi Rre Tuelo Metseyabeng le ene o ne a galaletsa puso, a bolela fa ba ne ba na le mathata a tsela ya Martins Drift mme ya felela e dirilwe a ba a lebogela go bo go ne ga kgonagala gore go dirwe tsela ya Mogapinyana e go neng go se motlhofo go tsamaya mo go yone.
A re seo ke sesupo sa gore puso ga e tlhaole e bile e leba Motswana mongwe le mongwe ka go lekalekana.
Mo godimo ga moo, makhanselara ba ne ba lebogela Rre Williams go bo a ne a dira le bone sentle go se na dikgogakgogano dipe.
Ba re Rre Williams o ne a kgathala thata, segolobogolo ka tlhokomelesego ya makhanselara.
Ba re le fa ditsompelo di ne di tlhaela, ba ne ba kgona go dira ditiro dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : phuthego ya khansele
Date : 18 Sep 2019