Banna ba tshwerwe ka dithoto tse di belaesegang
18 Sep 2019
Mapodisi a Mahalapye a tshegeditse borre ba le babedi mabapi le go fitlhelwa ka dithoto tse go belaelwang e le tsa bogodu.
Bobedi joo ke Akanyang Nfila wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi wa kgotla ya Madiba kwa Mahalapye le Owen Vambe wa dingwaga tse di masome mane le boferabobedi e le wa letso la Zimbabwe.
Babelaelwa ba ba mo kgwebong ya go baakanya dibalamakgolo, ba tshwerwe ka mefuta ya dibalamakgolo ka go farologana kgwedi eno e roba bongwe kwa Mahalapye.
Mookamela mapodisi a e seng a seaparo, Superintendent Jimson Baakile, a re ba lomilwe tsebe ke mongwe yo o neng a isitse sebalamakgolo sa gagwe go baakanngwa kwa madirelong a bobedi joo.
Babelaelwa ba itshupile kwa lekgotleng la ditsheko kgwedi eno e le lesome le motso go arabela molato wa bogodu.
Supt Baakile a re bobedi joo bo supile fa dibalamakgolo tseo di isitswe ke bangwe go baakanngwa mme di santse di le mo matsogong a bone ka gore beng ba tsone ba palelwa ke go di rekolola.
Rre Baakile o kopile ba ba utswetsweng dibalamakgolo gore ba ikopanye le mapodisi a Mahalapye go tla go tlhola dithoto tsa bone.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore motho a ntshe bosupi go netefatsa fa dithoto e le tsa gagwe.
O supile gape gore mapodisi a Mahalapye a tsweletse ka maiteko a go lwantsha borukutlhi mo motseng.
Mo mosong wa Labobedi ba ne ba phuruphutsha malwapa a le mane mo motseng, mme beng ba malwapa ao ba fitlhelwa ka dithoto tse go belaelwang e le tsa bogodu.
A re ba belaela batho bao e le bontlha bongwe jwa segongwana se se tlhorontshang banni ba Mahalapye ka go ba utswela.
Supt Baakile a re go botlhokwa gore morafe o thuse mapodisi go lwantsha borukutlhi.
A re borukutlhi jwa go thuba matlo motshegare beng ba ile ditirong bo a tshwenya mo motseng.
O kaile gape gore dikgwebo le tsone di tlhorontshiwa ke magodu.
O ne a gakolola setshaba ka mosola wa lenaneo la ntebela ke go lebele, ka jalo go le botlhokwa go laela baagisanyi fa go tsawa maeto gore ba sale ba ba tlhokomeletse malwapa.
Supt Baakile o tlhalositse gape gore Mahalapye o tshwenngwa ke dikgang tsa go betelela le dintwa tse gantsi di diragalelang kwa mafelong a go rekisiwang nnotagi kwa go one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : MAHALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 18 Sep 2019