Breaking News

Ditlhopho ke boikarabelo jwa botlhe

18 Sep 2019

Mogolwane wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho kwa Tutume, Mme Basadi Ntshutelang a re puso ya batho ka batho e dira sentle fa batsayakarolo botlhe e bong mapolotiki, makgotla a setshaba le batlhophi ba nna le seabe mo tsamaisong ya yone.

Mme Ntshutelang o buile jaana kwa bokopanong jwa komiti ya diphathi tsa sepolotiki (PLC) e e akaretsang maphata a puso le mekgatlho ka go farologana kwa Tutume ka Mosupologo.

A re botlhokwa jwa komiti eo ke go tshwaragana le lekgotla la ditlhopho go abelana megopolo le go tla ka ditharabololo tsa dikgwetlho le matshwenyego a ba kopanang nao.

O tlhalositse fa Tautona a rebotse letsatsi la ditlhopho, ka jalo ofisi ya IEC e tsweletse ka go rutuntsha batlhophisi, batlhokomedi ba ditlhopho le bontlhopheng ka se se solofetsweng mo go bone ka letsatsi la ditlhopho.

Mme Ntshutelang o boletse gape gore matlhophelo ga a na go kgaoganngwa gabedi jaaka pele go ne go na A le B mo matlhophelong.

A re seo se ka nna teng fela fa batlhophi ba matlhophelo ao ba feta sekete le masome a matlhano.

A re mo kgaolong ya Nkange, ga go na matlhophelo a batlhophi ba one ba tshwarang palo eo, ka jalo ga go na go nna le matlhophelo a a tlaa bong a kgaogantswe ga bedi koo.

O ne a gakolola gore batlhophi ba ba latlhileng dikarata tsa bone tsa ikwadiso, ba ka ya go dira meriti ya tsone kwa ofising ya lekgotla leo mo Tutume.

A re tiro eo e buletswe go ema ka letsatsi pele ga ditlhopho.

O ne a kopa maloko a komiti eo go abelana le balatedi ba bone tsamaiso ya ditlhopho, maitsholo le go obamela melawana ya ditlhopho.

Mothusa molaodi wa Tutume, Rre Kabelo Tshekiso o ne a kopa maloko ao go obamela nako.

Rre Tshekiso a re ke gangwe le gape diphuthego tsa komiti eo di tsena morago ga nako maloko a sa iponatse, ba salwa morago ntswa ba neetswe mekwalo ya taletso ka nako.

A re nako ke selo sa botlhokwa, ka jalo a ba kopa go ititaya ka thupana go bona gore komiti eo e diragatsa maikaelelo le maikemisetso a yone.

O ne a ba kopa go ya go abelana le bangwe ka bone gore le bone ba anywe kitso e ba e amuleng gore ditlhopho e nne tsa gale le gale tse di gololesegileng.

 A re lekgotla la ditlhopho ga le kake la kgona ka bonosi go ruta setshaba boitsholo le mosola wa go tlhopha, ntleng le kemo nokeng maloko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Bokopano jwa komiti

Date : 18 Sep 2019