Breaking News

Letsatsi la ditlhopho le siametse botlhe

17 Sep 2019

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o lekodisitse morafe wa Ramokgonami mo kgaolong ya Legare gore o na le tumelo ya gore ga go ope yo o tlaa kgoreletsegang go dira tshwanelo ya gagwe ya go tlhopha.

O buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo.

Tautona Masisi a re ditlhopho tsa setshaba di tlaa tshwara ka Laboraro, Phalane a le masome mabedi le boraro.

O tlhalosa gore letsatsi la ditlhopho le beilwe morago ga therisanyo le ba ba filweng boikarabelo jwa go tsamaisa ditlhopho e bile go setswe morago tsamaiso ya molao.

Ka jalo, Tautona Dr Masisi a re o dumela gore botlhe ba ba ikwadisitseng ba tlaa nna le sebaka sa go tlhopha ba sa kgorelediwe ke sepe.

“Ke dumela gore le ba ditumelo ka go farologana ga ba na go kgoreletsega go tsaya karolo mo ditlhophong.”

O ne a tlhalosa gore letsatsi la dilthopho le a mabedi a a latellang e tlaa bo e le malatsi a boitapoloso a a duelelwang.

Dr Masisi a re o bonye go le botlhokwa go dira tsotlhe tse di ka kgontshang botlhe ba  ba ikwadisitseng go nna le seabe mo go diragatseng puso ya batho ka batho ka go nna le seabe mo ditlhophong tse di  tlaa dirisiwang go aga puso e ntsha.

Lotlhe ba le ikwadisitseng, gololesegang, mme le tlhophe ka dipalo tse di kwa godimo. 

Ke solofela gore le tla tlhopha go le kagiso le dirisa tshwanelo ya lona,” ga bua Tautona Masisi.

Tautona  Masisi a re o itumeletse thata go bona sebaka sa go buisa batho ba Ramokgonami.

“Ke la ntlha morago ga go tlhongwa Tautona ke tla go buisana le lona, ke leboga thata gore ke kgonne go bona sebaka sa go dira jalo,” ga tlhalosa Tautona Masisi.

O lebogetse banni ba Ramokgonami go nna le seabe mo go nosetseng puso ya batho ka batho.

E rile a itebaganya le dikgang tse di neng di tswa ka Kgosi Kesetse Ramatlakadibe le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Motshegetsi Gaerongwe, Tautona  Masisi o supile gore puso e itse ka tlhaelo ya metsi mo Ramokgonami go akarediwa le kgaolo yotlhe ya Sefhare/Ramokgonami.

O supile gore maikaelelo a go tokafatsa seemo seo a tsweletse.

O tsweletse ka go re kgaolo eo e tlaa fiwa metsi go tswa kwa mafaratlhatlheng a metsi a a kwa Mahalapye.

Ka jalo a re tiro eo e tlaa tlhongwa kwa pele mo tshekatshekong e e tsweletseng ya lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba.

Tautona Masisi o dumalana le banni ba Ramokgonami ka botlhokwa jwa gore go agwe sekole sa bobedi se sebotlana mo motseng wa bone.

A re sengwe se se botlhokwa go tsibogelwa ke gore bana bangwe ba tsamaya sekgala se setelele go latela sekole, seemo se se dirang gore ba babalelwe ke seemo sa loapi jaaka mogote o o feteletseng le go  goroga ba lapile kwa sekoleng le kwa malwapeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : RAMOKGONAMI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 Sep 2019