Bangwato ba batla go ipelela ngwao
17 Sep 2019
Leloko la komiti e e baakanyetsang moletlo wa Gammangwato Heritage Festival, Rre Thero Badirwang a re moletlo wa go supa ngwao le ditso tsa Gammangwato o tlaa tshwarwa Ngwanatsele e tlhola malatsi a le masome mabedi le motso mo Serowe.
O buile jaana bosheng fa ba ne ba tshwere bokopano jwa go sekaseka gore ba tsweletse jang ka ipaakanyetso moletlo.
Rre Badirwang a re maikaelelo a moletlo o ke go tsosolosa ngwao ya Gammangwato ka ba ne ba lemoga fa e nyelela.
O ne a supa fa ngwao e le botlhokwa ka e kgona go bopa setho sa motho, e bo e mo tsenya mo tseleng, bogolo jang setho sa banana.
Rre Badirwang a re ba bone gape go le botlhokwa gore ba kopane, ba rutane le go kaela ba ba tlang kwa morago gore ngwao ya bone e ntse jang.
A re kgaolo ya Gammangwato e na le metse e mentsi go tswa Dibete go ya go tsena kwa Makalamabedi, ka jalo a re le bone ba ka dira moletlo o o tshwanang le wa Bakalaka wa Domboshaba le wa Bakwena wa Dithubaruba.
Rre Badirwang o ne a ikuela mo malokong a Gammangwato Heritage Festival gore ba dire ba le seopo sengwe gore moletlo o atlege.
O ne a supa fa tiro e ya moletlo wa Gammangwato Heritage Festival ba e simolola ba sena madi, mme a kopa ba dikgwebo le morafe go ba thusa ka sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore letsatsi le le atlege.
Mongwe wa barulaganyi ba letsatsi le, yo e leng mookamedi wa Mabuse Heritage Group, Rre Abel Mabuse a re moletlo o tlaa bo o tshwaretswe kwa kerekeng ya UCCSA kwa Tlhatlaganyane, ka e le gone kwa go humileng le ditso tsa Gammangwato.
A re ba tlaa rekisa dilo tse di farologanyeng di tshwana le dikipara le metlaagana e bile go tlaa ntshiwa lemmenyana la go tsena fa kgorong go kokoanya madi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mbaeva
Location : SEROWE
Event : bokopano ja ipaakanyetso moletlo
Date : 17 Sep 2019