Kwape o rotloetsa bana go somarela bontle jwa bone
17 Sep 2019
Moitseanape wa tsa dijo go tswa kwa National Food Technology and Research Centre (NFTRC) Dr Lemogang Kwape o kopile bana ba dikole tsa magare ba ba neng ba tseneletse kgaisanyo ya mmabontle go iphapha mo ditseleng tse di ka senyang bontle le bokamoso jwa bone.
Dr Kwape o buile jaana jaaka e ne e le sebui sa tlotla kwa moletlong wa kabo dimpho o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa Gamaila Junior Schools kwa Kanye ka Matlhatso.
Mokgatlho o, o o akaretsang bana ba dikole tsa magare, o ne o na le mmabontle bosheng e le tsela ya go kokoanya madi go thusa mokgatlho wa sefapaano se sehibidu.
O ne a akgola bana bao le batsadi ba bone ka e le bone ba ba rutileng lorato, botho le go tsaya boikarabelo mo setshabeng.
Rre Kwape o ne a tlhalosa fa gantsi ngwana yo o sa rutwang botho a ka seke a nne najo.
A re dimpho tseo di tlotlomatsa motse wa Kanye mme a ba kopa go tswelela ba direla setshaba.
O tlhalositse fa go le gantsi motho a gakologelwa ka ditiro tsa tshiamo tse a di dirileng mo botshelong, e seng maemo.
A re fa motho a dira sentle o a bo a tshegeditse tumelo, a ba a gatelela gore fa motho a le montle mme a dira ditiro tse di maswe o a bo e le lefelafela.
Moitseanape yo a re motho fa a gola bontle jwa gagwe bo a fetoga, ka jalo ba tshwanetse go ikgapha.
Dr Kwape yo e bileng e le leloko la komiti ya tebelopele ya setshaba ya 2036, a re e tlhalosa fa ngwana a tshwanetse go godisiwa sentle gore a gole e le motho yo o nang le boikarabelo mo setshabeng.
Mongwe wa bana ba sekole yo o tsereng maemo a ntlha e bong Pono Nxabisi o ne a akgola ba a neng a gaisanya le bone a bo a bolela fa a fufutse pele ga a atlega.
Mme Nxabisi o ne a rotloetsa ba a neng a eme le bone gore ba seka ba itsapa le go itshepha.
A re go tlhoka go itshepha go tsisa poifo le boitlhobogo fa motho a sa atlege ka bonako.
Mofenyi yoo, o ne a kopa bangwe ka ene go tlhoafalela dithuto tsa bone gore ba nne le bokamoso jo bo duleng diatla.
A re ba iphaphe mo tlhakanelong dikobo le dinotagi.
O tlhalositse fa ba abela mokgatlho wa sefapaano se sehibidu go ba kgontsha go thusa ba ba nang le letlhoko.
Fa a ntsha la gagwe, molomaganya ditiro wa mokgatlho wa Gamaila Junior Schools e bile e le ene motlhami wa one Mme Tshepho Morekwa a tlhalosa fa a sa gwetlhwa ke sepe go direla sefapaano se sehibidu.
A re e le ba Gamaila Junior Schools ba ne ba eleditse go abela Red Cross dikobo tsa mariga mme ba ne ba palediswa ke nako, ka jalo ba abang dikobo tse di motlhofo.
Moemedi wa mokgatlho wa Red Cross Mme Baoki Babuile e rile a amogela dimpho tseo a tlhalosa fa mokgatlho wa Red Cross e le wa bopelotlhomogi, o dira ka baithaopi a ba a supa fa ba na le bana ba ba tlhokileng lesego.
A re ba thusa bana bao ka tiro ya sekole le dijo.
A re o dumela gore ba Gamaila ba gwetlhilwe ke lorato go apesa bana bao mme a kopa bommabontlenyane bao gore ba nne seipone le sekao mo go ba bangwe.
Dr Kwape o ne a abela Red Cross P400. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Kabo dimpho
Date : 17 Sep 2019