Breaking News

Go fuduega maikutlo le tenego di tlhoka go potlakelwa

16 Sep 2019

Batswana, segolo jang banana ba kopilwe go ithuta go itshegetsa ka nako tsa ba gateletswe ke maikutlo a tenego go tila go tloga ba ikgapela botshelo.

Mme Mpho Rapoo yo e leng mookamela lekalana la botsogo jwa tlhaloganyo mo Kanye o buile jalo kwa thuto-puisanyong ka Labotlhano kwa Kanye.

Mme Rapoo o tlhalositse gore maikaelelo a thuto-puisanyo eo e ne e le go lwantshwa go ikgapela botshelo mo go atileng mo bananeng.

A re kgatelelo ya maikutlo kana maikutlo a a sa iketlang a koafatsa tlhaloganyo a ba a e bakele malwetse a a tshwanang le jwa madi a a kwa godimo.

Mme Rapoo a re ditagi ga di fedise mathata mme se segolo di fetola boitsholo jwa setho mme mo go dire gore ba tlhobogane le ba masika. A re go le gantsi go felela go na le dikgotlhang mabapi le tiriso botlhaswa ya madi le gone go tlhoka go ntsha maduo kwa tirong.

Mme Rapoo o tlhalositse gore methale e mentsi  e tlhomamisitswe ka dipatlisiso gore e le ruri e a bereka  jaaka tshidilo maikutlo go na le go dirisa ditagi kgotsa go iphetisa dino.

Thotloetso ya gagwe mo setshabeng ke gore batho ba tswelele ka go tla mo dikokelwaneng ka dipalo gotla go sidilwa maikutlo le go rutintshiwa go emisa dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba ikgapelang matshelo.

Moememedi wa baoki ba balwetsi ba tlhalogayo go tswa kwa kokelwaneng ya Kgwatlheng Mme Daphney Balesi o ne a tlaleletsa mo mafokong a ga Mme Rapoo gore itshidilo mmele ke nngwe ya tse di dirang gore mmele o lapologelwe o bo o lapolose tlhaloganyo le maikutlo mo kgatelelong.

 O ne bolelela phuthego gore motho o ka tsaya loeto fela go ya kwa lefelong le a le ratang go iphokisa phefo, a tlhalosa fa go na le seabe mo go lwantsheng seemo sa maikutlo a a kotlometseng.

A re go fetola lefelo la ditiragalo tse di utlwisitseng motho botlhoko go ya kwa go le lengwe, e se gore o tshabela mathata a gagwe kwa go lone, go thusa go sidila tlhaloganyo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Sepheko

Location : KANYE

Event : Thuto-puisano

Date : 16 Sep 2019