Breaking News

Go thusa dikole go nonotsha thuto

16 Sep 2019

Puso e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya ditsompelo mo makalaneng mangwe, lephata la thuto le le mo teng, ka jalo e tlhoka go thusiwa.

Go buile jalo mookamedi wa Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) Rre Thabo Thamane kwa moletlong wa kabo-dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Rachele kwa Kanye ka Labotlhano.

A re ka jalo go botlhokwa gore makalana a a ikemetseng ka nosi a thuse puso fa a kgonang teng, a tlatsa ka go re go ka nna molemo fa lephata la thuto le bona dithuso,  ka seo se ka  fokotsa letlhoko la didirisiwa tsa thuto mo dikoleng, mme go nna teng ga didirisiwa tsa thuto, go  nonotshe  thuto.

A re dilo tse dingwe tse di tshwenyang puso ke borukutlhi le tiriso ya diritibatsi, mme a kopa batsadi go bua le bana go ikgapha mo dilong tseo, ka di ka ba senyetsa bokamoso.

Rre Thamane o tlhalositse fa CEDA e ikabetse Rachele go nna motsadi wa sone, ka maikaelelo a go se tlamela fa ba kgonang teng.

A re CEDA e tlaa abela sekole seo motshine o o ntsifatsang dipampiri le dibala-makgolo di le some, a tlhalosa fa e le tse di kileng tsa dirisiwa, mme di tlaa shafadiwa pele ga di neelwa sekole seo.

 O tlhalositse gore dimpho tseo ka bobedi di tlaa neelwa sekole mo nakong e e sa fediseng pelo, a gatelela ka gore maiteko ao ke go godisa boleng jwa thuto.

E ntse e le mabapi le dimpho, Rre Thamane o boletse fa kompone e tlaa rekela Thato Cave mogala o o sephaphathi e be e rekele le mmaagwe mogala oo.

Thato Cave ke moithuti wa lekwalo la ntlha kwa sekoleng seo, mme o ne a natefisa letsatsi leo ka leboko le a neng a le dira ka bokgabane jo bogolo mme seo sa pateletsa Rre Thamane go tswa ka tshwetso ya go lemoga bokgoni jwa gagwe.

A re go rekela ngwana ka mogala ke go mo rotloetsa mo thutong ga mmogo le motsadi wa gagwe ka a mo eme nokeng.

Mookamedi wa CEDA a re keletso ya gagwe ke go bona sekole seo se tlhabologa e seng fela mo dikagong mme le mo maduong.

A re jaaka ba tsaya sekole jaana ba tlaa nna fa fatshe ba buisanya le barutabana gore ba dire ka natla ka keletso ya bone ke go bona sekole se ntsha maduo a mantle.

O kgothaditse batsadi ba baithuti ba sekole seo go tsaya karolo mo thutong ya bana.

A re ba ba rotloetse ka go tlhodumela tiro ya bone ya sekole, le go kopana le barutabana fa ba belaela boitseme bongwe mo thutong ya bana.

O ne a gatelela ka go re tshwaragano fa gare ga batsadi le barutabana ke yone konokono, e bontlha bongwe jwa yone e leng go tsena diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana.

Mo go tse dingwe, Rre Thamane o kgadile batho ba ba dirisang bana botlhaswa jaaka banna ba ba ntshang bana basadi, le ba ba itseelang dikobo ka dikgoka mo go bone, gammogo le bomme ba ba kgokgontshang bana.

A re ditiro tseo di botlhoko ka di kgona go senyetsa ngwana bokamoso, mme a kopa ba ba amegang mo ditiragalong tse go emisa tiro eo.

O akgotse bana ba ba amogetseng dimpho mo dithutong ka go farologana, mme a kopa ba ba sa tsayang sepe gore ba seka ba itlhoboga mme ba itshwarelele thata mo dithutong tse ba di kgonang gore ba gatele pele mme ba tsoge ba itshetsa ka se ba se kgonneng.

Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Pako Ramaselwana o ne a lebogela dimpho tse Rre Thamane a di abetseng sekole, le go bo lekalana la gagwe e ikabetse sekole seo.

Rre Ramaselwana o tshepisitse Rre Thamane gore tsotlhe tse di abetsweng sekole seo ba tlaa di tlhokomela, a gatelela ka go re go amogela dimpho ke kgwetlho mo go bone e le batsadi le  barutabana ka jaana seo se tlhoka gore ba dirise ditlamelo tseo go nosetsa thuto. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : kabo-dimpho

Date : 16 Sep 2019