Breaking News

Metseyabeng o direla bagodi ba Mogapi boipuso go sale gale

15 Sep 2019

Ka go lemoga fa bontsi jwa bagodi ba sa kgone go tsenelela moletlo wa boipuso kwa kgotleng tsa bone, mokhanselara wa Mogapi kwa kgaolong ya Legare, Rre Tuelo Metseyabeng o ne a rulaganyetsa bagolo mokete go ipelela letsatsi le, pele ga le ketekwa kgwedi eno e le masome a mararo.

Rre Metseyabeng o ne a tlakisa bagogi ba motse oo ka Labone kwa Mogapi.

Mokhanselara o itlamile go tswelela a direla bagodi moletlo wa boipuso, a tlhalosa fa e le labobedi a ntse a dira jalo.

A re o bone go le botlhokwa go lemoga seabe sa bagodi mo boipusong jwa lefatshe leno, a tlhalosa fa kagiso le thokgamo tse di renang mo lefatsheng le, e le ka seabe sa bone ka go somarela boipuso jwa lefatshe leno.

Rre Metseyabeng o kopile banana ba motse oo ba ba eletsang go tshwaragana le ene go direla bagolo moletlo gore ba gololesege go dira jalo, a re ditlhabololo tsa motse oo di ka dirwa ke bana ba motse wa Mogapi.

A re tiro ya mofuta o, ga e amane gope le sepolotiki, ka jalo e akaretsa bagodi botlhe go sa kgathalesege gore ke ba pathi efe.

Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele ya legare Rre Keetshwereng Galeragwe o akgotse Rre Metseyabeng ka go tswelela a supa lorato mo bagoding, mme a mo rotloetsa go dira go feta fa.

A re bagolo ke bone ba ba tlhaloganyang boipuso botoka e bile ke bone ba ba ka kaelang banana tsela botoka.

Rre Galeragwe a re bagodi ba ka kgona go tlhomamisa gore lefatshe leno le ne le ntse jang pele ga boipuso e bile ke bone ba itseng botlhokwa jwa kagiso le thokgamo.

A re e re ba ipela go botlhokwa gore ba lemoge seabe sa puso mo go tlhabololeng matshelo a Batswana ka mananeo a a farologaneng a maikaelelo a one e leng go nyeletsa lehuma le go tlhabolola matshelo a Batswana.

Mokhanselara Galeragwe a re puso e lemoga seabe sa bagodi e bile e ikemiseditse go thusa bagolo ka lemmenyana la madi a bagodi kgwedi le kgwedi.

A re le fa go sa lekana lemme leo le tlaa kgona go thusa bagodi gore ba seka ba wela mo isong.

Fa a tswa la gagwe, mongwe wa bagodi Mme Mantshadi Baipidi o lebogetse mowa o montle o o supilweng ke Rre Metseyabeng gore ngwaga le ngwaga a ba direle boipuso.

A re se se supa lorato le tshwaragano fa gare ga boeteledipele jwa motse le morafe, bogolo jang bagodi.

Bagodi ba ne ba fiwa mpho ya dino tsididi ke mohumagadi wa mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare Mme Bridget Mzwinila.

 Mme Mzwinila o ne a leboga Rre Metseyabeng a re ka go dira jalo o itseela masego le matlhogonolo.

A re lefatshe leno le fa le leng teng ka bagodi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : MOGAPI

Event : phuthego ya khansele

Date : 15 Sep 2019