Breaking News

Williams o akgolelwa boineelo mo tirong

15 Sep 2019

Makhanselara a kgaolo ya Legare ba akgoletse Modulasetilo Peter Williams go bo a ba gogile ka lebaka le leele ka boikobo le bopelotelele, e bile a ba tsaya ka tekatekanyo.

Ba buile jalo fa ba akgela mo puong ya gagwe ya bofelo kwa khanseleng e e tsweletseng kwa Serowe bosheng. Rre Williams o ne a buisa khansele la bofelo e le modulasetilo ka a fentswe kwa ditlhophong tsa peo letlhokwa.

Ba boletse fa khansele e kgonne ditlhabololo dingwe mme tse dingwe di saletse kwa morago ka mabaka a gore kgaolo ya legare e tona mme fa go ajwa madi e lekanngwa le tse dingwe ntswa di le dinnye.

Makhanselara ba boletse fa modulasetilo a kgonne go etela metse le metsana mo kgaolong ya Legare go iponela se makhanselara a se buang kwa diphuthegong tsa khansele.

Ba boletse fa kgaolo ya Legare e na le dikgaolo-potlana tsa khansele di supa mme le tsone di namile.

Ba boletse fa ba dirile le modulasetilo le mororo ditlamelo ga mmogo le bodiredi di ne di tlhaela.

Ler fa go ntse jalo ba ne ba ngongoregela gore ditshutiso dingwe le dipotso di ne di sa tsewe tsia ke maphata a a lebaganeng.

Ba bolela fa dikarabo di nna di tla di sa kgotsofatse.

Le fa go ntse jalo ba boletse fa nako e tsile gore ba ba kgonneng go fenya mo peong letlhokwa ba itsolopaganye.

Ba kopa gore diphathi le bonthopheng ba seka ba dirisa dithapa le mafoko a a bosula fa ba ipapapatsa, mme ba bue maitlamo a diphathi tsa bone fela.

Ba boletse fa go rogana le go bua dilo tsa malwapa a batho tse di fitlhegileng go sa ba ise gope e bile go kgotlela ledula la puso ya batho ka batho.

Makhanselara ba boletse fa dipuo tse dingwe di sa letlelesege ka gore bana ba abo ba reeditse mme kamoso ba tseye gore ke setho, go buiwa jalo.

Se sengwe ba kgothaditse gore khansele ya Legare le yone e itirele dikgwebo jaaka dikhansele tse dingwe.

Ba ngongoregile ka letlhoko la metsi mo metseng ka go farologana ka bontsi le letlhoko la ditsela ba re ba lekile go lwa ntwa jaanong nako ya bone e setse e wetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 15 Sep 2019