BOCAIP e rotloetsa botsogo
15 Sep 2019
E re ntswa puso e tsweletse ka go dira maiteko go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV, dipatlisiso di supa fa batho ba ka tshwara 8500 ba tsweletse ka gotsenwa ke megare mo ngwageng.
E rile mookamedi wa Botswana Christian AIDS Intervention Programme (BOCAIP) Mme Bridgette Lorato Mphusu a bua ka letsatsi la go itshidila mmele le go itlhatlhobela malwetse kwa Moshaweng bosheng, a re se se supa fa Batswana ba simolotse go tsaya mogare wa HIV lolea, ntswa o le borai mo matshelong a bone.
A re kanamo ya mogare oo e ama bana ba bannye go tswa mo dingwageng tse some go ya kwa go tse di masome mabedi le bone mme seo se supa fa bana ba simolola tlhakanelo dikobo ba sale babotlana.
Mme Mphusu o ne a rotloetsa batsadi go tlhatlhoba bana nako e sa le teng gore ba tle ba bone dithuso seemo se ise se bife.
A re e re ka jaana go se motlhofo go lemoga gore a motho o na le mogare, go itlhatlhoba ke gone tsela le boammaruri.
Mookamedi wa BOCAIP o ne a rotloetsa banyalani go nna boikanyego ka seo se ka emisa kanamo ya mogare kana go tsisa mogare mo lwapeng.
Mme Mphusu a re 95 per cent ya Batswana ga ba je dijo tse di nang le merogo le maungo, mme seo se ama botsogo jwa bone mo tsamaong ya nako.
O ne a rotloetsa morafe go ja dijo tse di sireletsang mmele le go itshidila mmele.
A re bongwe bolwetsi jo bo tsewang motlhofo ntswa bo le borai ke jwa tlhaloganyo, mme a kopa Batswana go ela tlhoko seemo sa botsogo fa motho a re ga a ikutlwe sentle kana a ngadile, e bile gongwe maikutlo a le kwa tlase.
A re setlhogo sa letsatsi leo; Go Itse Seemo sa Botsogo Jwa Me, Go Ka Nthusa Go Baakanyetsa Isago Ya Me Botoka: Tsaya Kgato, se maleba ka jaana kitso e le botlhokwa.
Mme Mphusu a re fa motho a itse seemo sa gagwe sa botsogo, o kgona go tsaya dikgato tse di maleba go baakanya kana go sireletsa seemo seo.
O ne a supa go lebelela ditshwantso tsa batho ba robalana go ama ditlhaloganyo tsa bana, mme bangwe ba felela ba akanya gore mosadi ke sedirisiwa, seo se bake ditlamorago tse di bosula.
Mme Mphusu o ne a kopa Batswana go nna le nako ya go bala ka go thusa go sidila tlhaloganyo le go shafatsa dikakanyo le keletso ya go dira tse di molemo.
O ne a gakolola Batswana gore BOCAIP e sale e tlhangwa ka 1996 ke lekgotla la dikereke e le tsela nngwe ya go thusa puso go lwantsha mogare wa HIV.
A re ka jalo, baruti le diphuthego ka kakaretso ba tshwanetse go nna le seabe se setona mme e bile ba tsaya karolo mo go lwantsheng mogare.
O ne a tlatsa ka go re letsatsi leo le tsile ka nako e e tshwanetseng ka jaana kgwedi eno e le ya go rapedisa bolwetse jwa HIV/AIDS le masula a a aparetseng lefatshe leno.
Mothusa mogokaganya ditirelo tsa HIV/AIDS mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Mme Kitso Ketshabile a re maikaelelo a letsatsi leo ke go fa morafe sebaka sa go itlhatlhobela malwetse ka go farologana le go thusa gore ditlamelo tse ba ntseng ba sa di bone ka ntata ya tlhaelo ya bodiredi di bo di le teng.
Mme Ketshabile a re setlhogo sa letsatsi leo se rotloetsa botlhe go tsaya boikarabelo jwa botshelo jwa bone.
E rile a amogela baeng, Kgosi Keobonye Maruping a lebogela letsatsi leo ka le efa banni ba motse oo sebaka sa go itlhatlhobela malwetse ka mefuta, bogolo jang mogare wa HIV.
A re go itse seemo sa botsogo jwa gago o le motho go botlhokwa ka go thusa go ikgapha mo dilong tse di sa siamang.
Kgosi Maruping o ne a kopa morafe go dirisa ditlamelo tse ba di tliseditsweng le batsadi go ruta bana ka botsogo jo bo siameng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOSHAWENG -
Event : letsatsi la go itshidila mmele
Date : 15 Sep 2019